Puso ga e a lebala morafe wa Tantika
23 Jul 2018
Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane o tlhaloseditse banni ba meraka ya Tantika gaufi le Mopipi gore puso e itse dikgwetlho tse ba tshelelang mo go tsone.
Rre Tsogwane a re barui ba meraka ya Tantika ba nna mo lefatsheng la puso, ka jalo go nna thata gore ba ka bewa le go abelwa ditlankana tsa didiba.
A re ga go motlhofo gore lefatshe leo le ka fetolwa go nna la morafe.
Mothusa Tautona a re puso e itse ka kopo ya bone mme e tlaa tswelela e sekasekwa mme fa go ka nna le diphetogo ba tlaa itsesiwe.
A re lefatshe le ba nnang mo go lone le gaufi thata le lefelo la diphologolo, ka jalo ba tshwenngwa ke dibatana le tse dingwe mo merakeng.
Mo mafokong a kamogelo, Kgosi Gowinnemang Mathare wa Mopipi o supile gore barui ba meraka eo ba kopa puso go baakanya mogotlha wa morafe o o kwa merakeng eo le gore ba thusiwe ka go kentela malwetse jaaka kwatsi la serotswana.
Kgosi Mathare o supile gape gore leruo la meraka eo le kopanela mafulo le diphologolo tsa naga mme seo se tsise letshogo la go tlhagoga ga malwetse jaaka tlhako le molomo.
Rre Tshokodiso Kokolo fa a ntsha tekodiso mo boemong jwa barui, a re o leboga puso go ba thusa ka ditlamelo tsa botsogo ka go nna ba etelwa gangwe mo kgweding ke ba kokelwana ya Mopipi.
O ne a gatelela kopo ya gore lefatshe leo le fetolwe go nna la morafe gore didiba tsa bone di kgone go fiwa ditlankana.
A re le fa banni ba epile didiba tse ba nosang mo go tsone, ba ba ikopelang mananeo a go rua ga ba kgone go thusiwa ka gore didiba tse ba nosang mo go tsone ga di a bewa ka fa molaong.
Mokwaledi wa khansele- potlana ya Boteti, Rre Onthatile Molelu o tlhalositse fa banni ba meraka eo ba kgona go thusiwa ka lenaneo la Ipelegeng.
Rre Molelu a re jaaka ba wela ka fa tlase ga Mopipi, komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwanetse ya sekaseka le go tsenya mo lenaneong ditiro tse di ka dirwang ka Ipelegeng kwa lefelong leo.
Rre Tsogwane o ne a supa gore mokwalo o o dirilweng ke kgosi le molaodi o ka thusa gore barui ba meraka eo ba ba eletsang go dirisa mananeo a puso jaaka la LIMID le la banana ba kgone go bona thuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : TANTIKA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 23 Jul 2018



