Solomon o nwa logong moro
23 Jul 2018
Rre Mogomotsi Solomon wa dingwaga tse 21, o supile gore go tewa eng fa go twe metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati.
Morago ga go wetsa dithuto tsa lokwalo lwa botlhano ka 2016, Solomon o ne a bona fa maano a botshelo a sa site, mme a tsaya tshwetso ya go simolola kgwebo.
“Kwa sekoleng ke ne ke dira dithuto tsa tiro ya diatla, mme ka rokotsega ka bona fa ke ka tswa ka sengwe mo go tsone mme tshwarela ruri teng foo. Ke ka moo gompieno ke itshetsang ka go dira ka diatla,” Rre Solomon a tlhalosa.
Moeka o ne a tlhalosa fa tiro e, a sa e ela sekoleng jaaka tlwaelo, mme e le selo se a se ithutileng mo go ba bangwe mme sa nna le kgogedi mo go ene.
Ka go batla go farologana le ba bangwe, ene a ikgethela go dirisa dipolanka tse a di fetolang go dira didirisiwa tsa mo ntlong ka mefuta ya tsone.
Rre Solomon a re o simolotse ka go betla tafole, mme morago a lemoga fa batho ba kgatlhegela se a se dirang, ka jalo a semelela mo tiro ya go betla.
O tlhalositse fa a dirisa legong go dira didirisiwa tsa go tshwana le tse di beelang telebishine, ditlhako, diaparo le ditilo tsa mekgabisa tse di nnang kwa ntle ga ntlo e bile a na le botsipa jwa go di baakanya.
A re o ne a itshimololela kgwebo e ka madi a a neng a a berekela kwa Gaborone a go tlhokomela le go rekisa ditlhare.
Ka e le toro ya mogwebi mongwe le mongwe go bona letseno, Rre Solomon o tlhalositse fa kgwebo e nametsa e bile e tsamaya sentle ka bareki ba batla didirisiwa ka mmetela.
A re o rekisetsa batho ba ba mo mafelong a a farologanyeng thata a bapileng le Palapye, mme bangwe ba kgona go tswa bokgakaleng jwa Gaborone go tla go reka.
Rre Solomon a re o bereka thata ka lenaneo fa e le gore mongwe o batla tafole, ba nna fatshe ba bua gore o batla e ntseng jang ka modiro, mmala le gore o tsile go tsaya sebaka se se kae go e dira.
A re fa le mo tlhabetse sentle, o dira letseno le le lekaneng go reka didirisiwa, go itshetsa le go tshidisa kgwebo.
A re o dirisa metlhale e e farologanyeng ya go ipapatsa jaaka maraganya a a tshwanang le Facebook le go bolela ka molomo.
O tlhalositse fa a kopana le dikgwetlho, bogolo jang ya sepagamo ka a tshwanelwa ke go kopa bangwe go mo rwalela dithoto go di isa kwa bareking, mme ba batla go duelwa.
Rre Solomon a re o nyoretswe go bona a godile mo a dirisang metshine e metona go betla, a na le lefatshe le a direlang mo go lone, le go thapa banana jaaka ene go fokotsa letlhoko la ditiro.
O rotloeditse banana ba bangwe go dirisa bokgoni jwa bone go itshetsa.
A re dipoelo tsa kgwebo e di a mo thusa ka a re o itshela metsi mo ganong, ka jalo a sa tlhoke go nna morwalo mo go ope. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Kutlo Orman
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 23 Jul 2018



