Boammaaruri pheko - Tsogwane
23 Jul 2018
Mothusa Tautona Rre Slumber Tsogwane o gwetlhile badirela puso mo kgaolong-potlana ya Boteti go nna boikanyego le go thusa batho ka boamaruri e seng go tswelela ka ditsholofetso fela.
O buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Xere, Rakops, Mmadikola le Toromoja bosheng, a supa fa a tshwenngwa ke go tswelela a utlwa badirela puso ba neela morafe dikarabo tse di senang boamaruri.
Rre Tsogwane a re dikarabo tsa bangwe ba bone mo diphuthegong tsa kgotla di supa ba tlhaela kitso.
Rre Tsogwane a re go hopholetsa ga se selo se se siameng, ka jalo badirela puso ba tshwanetse ba tsena diphuthego tsa kgotla ba ipaakantse.
Rre Tsogwane a re go botlhokwa go tokafatsa tsamaiso ya go thusa setshaba go fokotsa dingongorego.
“Baakanyang diphoso tsa lona tse di dirang gore batho ba ngongorege. Ba ba eteletseng maphata, tlhomamisang gore ba le ba romang ba tlhaloganya ka botlalo thomo ya bone. Le romilwe go thusa batho, jaanong go a tshwenya go bona setshaba se ngongorega ka dilo tse ditshesane,” ga tlhalosa Mothusa Tautona.
A re go neela batho ditlamelo sentle go ka thusa gore ba tlhabolole matshelo a bone le itsholelo, ka jalo ba kgone go fokotsa dikgwetlho jaaka lehuma le tlhaelo ya ditiro.
Rre Tsogwane a re maikaelelo a puso ke go tlhomamisa gore Batswana ba fiwa ditirelo tsa boleng ka nako.
“Tautona Mokgweetsi Masisi o ikanne go rerisana le setshaba ka tse di ba tshwentseng mo ditirelong tsa puso le tsamaiso ya molao.”
A re Tautona Masisi o gwetlha badirela puso go tsosolosa seemo sa go ntsha ditirelo gore ba kgone go kgotsofatsa setshaba.
Rre Tsogwane a re badirela puso ba tshwanetse ba nna le boikarabelo, boineelo le bonatla gore ba kgone go tsamaisa mananeo a puso ka boamaruri.
A re sengwe se se dirwang go tokafatsa tsamaiso ya go ntsha ditirelo ke go tlosa dikgoreletsi tse di tsalang madiadia mo tsamaisong ya go thusa morafe.
Rre Tsogwane a re maikaelelo ke go rerisanya le morafe le badirela puso ka maikaelelo a go tokafatsa ditlamelo.
Mothusa Tautona o gwetlhile badirela puso go sekaseka ditsela tse ba di dirisang go ntsha ditirelo.
“Makalana a puso a laetswe go sekaseka tsamaiso go ntsha dikgoreletsi ka maikaelelo a go fefosa go neela setshaba ditirelo. Re batla go ntsha dikgoreletsi tse di koafatsang tsamaiso ya go ntsha ditirelo le go gola ga mhama wa kgwebo mo Botswana.”
Rre Tsogwane o supile gore puso e na le mogopolo wa go thusa Batswana ba ba nang le masimo a a sa tlhabololwang.
“Ba ba nang le masimo, mme ba sa a dirise, keletso ke gore ba thusiwe go a tlhabolola, a kgone go dirisiwa go na le gore a gapiwe ke ba kabo ditsha,” Rre Tsogwane a tlhalosa.
O supile gore thulaganyo eo e tlaa thusa go ntsha dijo le go fokotsa lehuma.
O supa gore nngwe ya dikgang tse di sa robatseng Batswana le puso ke kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo jaaka ditlou.
Rre Tsogwane a re maikaelelo a puso ke go rerisana le Batswana go tswa ka tharabololo ya seemo se.
“Ga go na sepe se se ka palelang batho fa ba rerisana ka boamaruri e bile ba dira ba tshwaragane.
Rre Tsogwane o gakolotse banni ba Boteti Bophirima gore ba seka ba dumela gore matlotlo a tlholego ke one fela a ka dirisiwang go ngoka bajanala.
A re mhama wa temo-thuo le one o ka dirisiwa mo ngoka bajanala.
Rre Tsogwane o supa gore ditlamelo tsa botsogo le thuto di botlhokwa mo matshelong a setshaba, ka jalo o gwetlhile batsadi go rotloetsa bana go tsaya thuto ka tlhoafalo gore ba tsoge ba itirela methale ya go itshetsa.
E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Nguvauva II wa Toromoja a re badirela puso ba motse wa gagwe ba sokodisiwa ke go tlhoka koloi.
Kgosi Nguvauva II o supile gore go baakanngwa ga terata e e laolang motsamao wa diphologolo go ka fokotsa tshenyo e e dirwang ke ditlou.
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe o supile gore boeteledipele jwa khansele-potlana rotloetsa diphetogo tse di tla dirwang ke Tautona Masisi ka therisanyo le morafe ka maikaelelo a go tokafatsa tsela ya go neela morafe ditlamelo.
Mogolwane wa lephata la diphologolo le makgabisa naga mo kgaolong ya legare, Rre Dimakatso Ntshebe o supile fa e le boamaruri ditlou di senyetsa banni ba kgaolo potlana ya Boteti.
Rre Ntshebe a re maiteko a a dirwa go baakanya terata e e laoloang motsamao wa diphologolo tsa naga.
Le fa go ntse jalo a re tlhaelo ya madi le tshenyo e e dirwang ke batho di dira gore tiro eo e nne bonya. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : RAKOPS
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 23 Jul 2018



