Breaking News

Mosadi wa Tsabong o falotse petelelo

22 Jul 2018

Mapodisi a Tsabong a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mane le boraro ka pelaelo ya gore o ne a batla go itseela dikobo ka dikgoka mo go mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone wa kgotla ya Bontleng kwa Tsabong.

Mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Christopher Tlhapi-David, a re tiragalo e, ba e begetswe ka nako ya bobedi mo mosong wa Labone beke e e fetileng ke mme yo o neng a falola ka bobi jwa segokgo mo selalomeng se maikaelelo a sone e neng e le go tlhakanela dikobo nae ka dikgoka.

Superintendent Tlhapi-David o tlhaloseditse BOPA fa morago ga tiragalo eo, mme yoo a ne a ya go ikuela kwa mapodising mme ba ragogela kwa tiragalo e diragetseng teng, ka lesego ba kgona go tshwara monna yo o fitlhetsweng ka dikgobalo tse di masisi tse go belaesegang e le tsa mme yoo jaaka a ne a leka go iphemela.

Rre Tlhapi-David a re mme yoo, o ne a dirisa legong go iphemela mme a gobatsa rre yoo ka go mo ntsha dintho tse di masisi mo sefatlhegong le mo tlhogong.

A re go ya ka pego ya mme yoo, go belaesega a kopane le mmelaelwa yo o tlholegang kwa Bogogobo a tswa maitisong bosigo a le mo tseleng go ya kwa lwapeng.

Superintendent Tlhapi-David o boletse fa mme yoo a falotse ntle le dikgobalo dipe.

Rre Tlhapi-David a re rre yoo, o kwa kokelong ya Tsabong go alafelwa dintho fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tswletse.

Superintendent Tlhapi-David o boletse fa dikgang tsa petelelo di tshwenya kwa kgaolong ya gagwe.

A re ngogola, ba gatisitse dikgetsi di le lesome le bone fa mo ngwageng ono o simolologa go fitlha Seetebosigo ba setse ba begetswe di le tlhano.

O gakolotse bomme go emisa go tsamaya bosigo ba le nosi a re ba batle bangwe go ba pata a bo a kopa borre go emisa go betelela a re ke selo se se botlhoko ebile se tsaya nako go lebalesega.

A re borre ba ithute go buisana le bomme ka tsa marato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 22 Jul 2018