Ba kgotla ya Boseja ba lela ka tsamaiso
22 Jul 2018
Kgosi Kegaisamang Ramokwena wa kgotla ya Boseja kwa Maun o ganeditse magatwe a a reng ba bogosi ba gataka ka dinao tsamaiso ya peo ya dikgosana mo motseng.
A re ga se boammaruri gore bogosi bo ikgatholosa tsamaiso ka jaana e le bone ba e tlhaloganyang botoka go gaisa morafe.
O boletse jalo mo potsolosong fa a tsibogela dikgang tse di anameng morago ga peo ya kgosana kwa kgotleng e ntsha ya Boseja bosheng.
Bangwe ba lela ka gore bogosi jo botona bo baya dikgosana batho ba ba ba ratang le ntswa tsamaiso e le gore banni ba ka itlhophela kgosana ba lebile bokgoni jwa motho.
Seo se tla morago ga gore kgaolwana ya Boseja e kgaoganngwe ka banni ba ne ba lela ka bophara jwa yone ba supa fa ba babalelwa ke go tsamaya sekgala ba latela ditlamelo kwa kgotleng e kgologolo.
Morago ga morero o o tseneletseng le botlhe ba ba amegang, tshwetso e ne ya tsewa go kgaoganya kgotlana eo mme morago banni ba kgaolwana e ntsha ba kopa gore ba fiwe kgosana wa motshereganyi gore ba bone thuso gaufi.
Kgosi Ramokwena o tlhalositse fa kopo ya banni e ne ya atlega mme ya re bosheng bogosi go tswa kwa kgotleng e tona yoora Tawana ba kopa morafe go tshwara ditlhopo tsa kgosana yo o ka ba etelelang pele.
A re sebe sa phiri ke gore ba bogosi ba ne ba seka ba mo rerisa ka kgang eo le ntswa e le ene molebeledi wa bone, a tlatsa ka gore o ne a ka bo a ba gakolotse ka jaana a tlhaloganya botoka ditso tsa kgaolo.
A re ka tsamaiso ya bogosi, kgotla e e tlhophelwang kgosana ke e batho ba teng e leng makgatlhanela thapong mme go tlhophiwa go lebilwe bokgoni le boitshwaro jwa motho.
O tlhalositse fa mo Setswaneng, Kgosi e sa tlhophiwe e tsalwa.
A re ba lelwapa la bogosi ke bone ba ka ikgethelang yo o maleba.
A re bogosi ga bo a tshwanela go tsamaisiwa jaaka sepolotiki tse go dirwang bulela ditswe.
Kgosi Ramokwena a re ditlhopo di ne tsa tshwara mme se se makatsang ke gore di ne di ngokile le batho ba e seng ba kgaolo, a tlatsa ka gore bangwe ba ne ba tswa kwa mafelong a a kgakala jaaka Sankoyo, Sehithwa, Shorobe, Chanoga, dikgotlana dingwe kwa Maun jaaka Borolong a re le badirelapuso tota bangwe ba ne ba tseneletse ditlhopho.
A re seemo seo se ne sa tsosa kgaruru ka jaana mofenyi wa ditlhopho e ne e le motho yo o tswang Sehithwa mme ebile a sa tlhophiwa ke beng ba kgaolo fa yo o mo tlhatlhamang e le ngwana wa kgaolo eo.
Kgosi Ramokwena a re o ne a ikopanya le ba bogosi kwa kgotleng e tona go isa selelo sa banni ba kgotlana eo ka jaana bontsi bo ne bo dumela gore bogosi jwa kgotlana eo bo na le beng ba jone ka jaana e le bone ba saleng ba ntse foo go tswa bogologolong.
O boletse fa ba bogosi ba ne ba mo sekegela tsebe mme ba khansela ditlhopo tse di neng di tshwerwe ba neela ba ba tshwanetsweng ke bogosi.
A re kgang eo ke yone e e huduang bangwe maikutlo ba re ba bogosi ba gataka tsamaiso ya peo ya kgosi mme ba baya batho ba bone dikgosana. Kgosi o kopile morafe go sala tsamaiso morago le go dira morero o o tlhapileng fa ba batla motshereganyi kana kgosi ya tetlanyo.
Kgosi Ramokwena a re Batswana ba tshwanetse ba ithute gore sedibeng go iwa ka tsela e seng go eteletsa dikeletso tsa bone kwa pele ba tlolaganye ba ba maleba.
O boletse fa bosheng ba kgotlana ya Tlhogo ya Tonki ba ba welang ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe ka fa bogosing ba ne ba mo tlolaganya mme ba ya go ikopela motsereganyi kwa kgotleng e tona. A re se se ngomolang pelo ke gore ga ba na le fa e le lefelo le ba ka dirang kgotla mo go lone mme a supa fa kopo eo e padile ka jaana tsamaiso e ne e sa salwa morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 22 Jul 2018



