Re A Nyalana e tsosolosa serodumo sa malwapa
22 Jul 2018
Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re lenaneo la Re A Nyalana le tshwanetse la akgolelwa go tsosolosa serodumo sa malwapa.
E rile a bua kwa moletlong wa go nyadisa baratani ba le masome a supa ka lenaneo leo kwa Mabutsane bosheng, Mme Tshireletso a re le tsisitse seriti le kgololesego ya mewa mo malwapeng ka jaana batho ba tlaa nna mmogo ka fa molaong.
A re go kopanya baratani ka Re A Nyalana go ba tlhofofaleditse dilo gammogo le gone go itsa ditshenyegelo tse bontsi bo senang tsone.
Mme Tshireletso a re bangwe ga ba bolo go eletsa go nna selo sele sengwe, mme ba patikwa ke itsholelo.
Mothusa tona gape a re manyalo ao a tlaa fedisa ketsaetsego mo malwapeng ka jaana bana ba tlaa simolola go tlhakanela difane le batsadi boo-babedi.
A re gape ba tlaa simolola go tshela mmogo ka phuthologo ba sa tshogela dikgotlhang tsa boswa tse gantsi di nnang teng fa yo mongwe a tlhokafala mme ba ne ba sa nyalana.
Mme Tshireletso a re lenaneo leo e sale le simolola, le kgonne go tshwara manyalo a feta dikete tse pedi, selo se a reng se tshwanetse sa akgolwa ebile sa rotloediwa.
A re dipalo tse di tlhotlheletsa dikeletso tsa puso tsa go rotloetsa batho go nyalana ka fa molaong ka maikaelelo a go bopa malwapa.
O ne a leboga dikgosi go bo ba eme lenaneo leo nokeng e bile ba rotloetsa morafe go ikwadisa gore ba kopanngwe semolao.
Mogokaganyi wa lenaneo la Re A Nyalana, Mme Annah Morwaagole a re e re ka jaana tsamaiso ya setshaba e simolola ka lelwapa, ba bone go tshwanela gore ba atolose ditirelo tsa bone ba rute Batswana ka ditsamaiso le ditshwanelo tse di amang matshelo a bone.
A re ba tsweletse ka go rutuntsha batho ka ditlamorago tsa go nna mmogo ba sa nyalana, bogolo jang tse di amang dikgang tsa boswa.
Mme Morwaagole a re gape ba ba tsibosa ka melao e e amanang le dikgang di tshwana le kgokgontsho mo malwapeng, tlhakanelo dithoto le melao e mengwe e e amang tsamaiso ya malwapa le ditshwanelo tsa bone.
O rotloeditse banyalani ba lenaneo leo gore ba seka ba inyatsa ka jaana manyalo a bone a setse ditsamaiso tsa lenyalo morago, ebile a tshwana le manyalo a mangwe.
A re thulaganyo ya manyalo a bone gape ga e itse gore ba ka sala morago ditsamaiso tsa ngwao di tshwana le go ntsha magadi.
E ne e rile go le pele, Kgosi Kgakgamatso Moletsane wa kgaolo ya Mabutsane a akgola barulaganyi ba lenaneo leo a re le rotloetsa gore batho ba nyalane ka fa molaong.
A re maikaelelo a lenaneo leo a tlaa fokotsa dikgotlhang tsa boswa mo malwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MABUTSANE
Event : Moletlo wa Re A Nyalana
Date : 22 Jul 2018



