Breaking News

Banni ba Pole Kgari le Masukwane ba lela ka tsela

22 Jul 2018

Banni ba Kgari, Masukwane le Pole ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale ka tsela ya Masunga-Tshesebe e ba reng ga e na tswelelo pele.

Boikuelo jo, bo dule kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke Rre Butale kwa metseng eo kwa banni ba neng ba kopa gore puso e kobe yo o abetsweng tiro ka e mo palela.

Tsela ya Masunga-Tshesebe e abetswe khamphani ya Bash Constructions mme e lopile P500 million.

E akaretsa ditselana tse di gokaganyang Kgari, Masukwane, Pole le Mulambakwena.

Kgosi Godrey English wa Kgari, Kgosi Dick Chikuba wa Masukwane le Kgosi Clinic Ketlogetswe wa Pole ba iteetse kgang e kobo moroko, ba supa fa ba ne ba solofetse go le gontsi mo go dirweng ga tsela e.

Ba tlhalositse fa tsela e, e lopile puso madi a mantsi e bile e ne e ka tlhama ditiro mo metseng ya bone.

Ba re bana ba bone ba ba berekang mo khamphaning e, ba ngongorega ka dituelo tse di sa tleng ka nako ba re ba sale ba kopile go kopana le mong wa Bash Constructions go sekaseka le go buisana ka dikgwetlho tse di apereng tsela e mme a seka a iponatsa.

Ba tlhalositse fa ba sa dumele gore e tlaare ka 2019 tsela e bo e fedile ka e tsamaya mo go 11 per cent kgatlhanong le 67 per cent yo a neng a solofetswe.

Dikgosi tsa re di swabisiwa ke gore tsela e, e filwe ngwana wa Motswana yo ba neng ba solofetse go le gontsi mo go ene gore a supe fa Batswana ba na le bokgoni jwa go itepatepanya le ba mafatshe a mangwe go dira ditiro tse di kgolwane.

Ba kopile gore botlhe ba ba amegang mo go dirweng ga tsela ba kopane go tswa ka maele a a ka thusang gore go nne le tswelelopele.

E rile Mopalamente Butale a tsiboga, a tlhalosa fa kgang ya tsela ya Masunga-Tshesebe e aperwe ke dikgang tse dintsi ka jalo e isitswe kwa ofising ya ga Tautona go rarabololwa.

Rre Butale o supile fa yo o abetsweng tiro a nnile le dikgwetlho tsa go bona mmu o o lokgarapana ka a sa neelwa teseletso ke ba lephata la meepo go o epa.

Mopalamente a re go ka ngomola pelo gore e re ngwana wa Motswana a ne a filwe sebaka sa go dira tiro ya bokete jo bo kana, a bo puso e mo e amoga, ka jalo a kopa banni go nna pelotelele go emela tharabololo go tswa kwa go ba ba lebaneng gore tsela pedi go tsewa efe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : POLE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 22 Jul 2018