Tshwaragano pinagare ya katlego
22 Jul 2018
Dikereke di supile seabe se setona mo tlhabololong ya lefatshe e bile ke tsone di dirileng gore go rene kagiso le thokgamo mo Botswana.
Modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi o buile se kwa tshupong semmuso ya komiti ya diphuthego tsa dikereke (Ministers Fraternal) kwa Tutume bosheng.
A re dikereke di tshwanetse go ipela ka jaana mo Botswana di tshela ka kgololesego le kagiso ya go obama e bile molao-motheo wa lefatshe o ba letla go rapela go sena sekgoreletsi sepe.
O ne a kopa dikereke go aga dikago tse ba obamelang mo go tsone.
A re gape ba tshwanetse ba tlhokomela tikologo e ba leng mo go yone a supa fa dingwe di alafela mo nageng mme di tlogele tikologo e sa lebege.
O gwetlhile baeteledipele ba dikereke tseo go tshela se ba se rerang a tlatsa ka gore morafe le balatedi ba bone ba solofetse ditiro tse di ntle le tse di eletsegang mo go bone.
O kopile komiti eo go itse palo ya dikereke tse di mo motseng wa bone le go itirela molao motheo o o tlaa e tsamaisang.
E rile a ntsha la gagwe, Rre Edison Woto o ne a kopa diphuthego tsa dikereke go tshwaragana go nna seopo sengwe gore mantswe a bone a utlwale le gore ba kgone go abelana megopolo ka dikgwetlho tse ba kopanang natso.
O gateletse kgang ya kgololesego ya go obamela Modimo mo Botswana a re ka jalo dikereke di tshwanetse go tlotlana.
O ne a leboga maloko a komiti eo a re ka yone ba tlaa bopa mowa wa bojammogo le tirisanyo mmogo tse di tlaa rotloetsang tlotlo mo go ba bangwe.
Mothusa molomaganyi wa ditiro tsa AIDS mo kgaolwaneng eo Mme Tsholofelo Segone o boletse fa Tutume a lebanywe ke kgwetlho ya batho ba ba maoto a tshupa go itlhatlhobela malwetse a dikobo bogolo jang borre le banana.
O gwetlhile dikereke go ema ka dinao go rotloetsa maloko go itlhatlhobela malwetse.
Komiti eo e bopilwe ka maloko a le lesome a baruti ba dikereke tse di farologanyeng mo Tutume.
Modulasetilo wa komiti eo Moruti Siyane Sisila a re fa ba le mo komiting eo ba seopo sengwe, ba seegela thoko dipharologanyo tsotlhe tsa bone.
Gape o rile komiti eo e tshwaraganya dikereke le puso le go thusanya le yone go rera kagiso mo bathong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya Kereke
Date : 22 Jul 2018



