Morafe wa Letlhakeng o leboga puso ka dikatso tsa magosi
22 Jul 2018
Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o lebogile puso go bo e simolotse go atswa dikgosana dingwe tse di neng di ntse di sa atswiwe.
O ntshitse malebo a fa a amogela baeng kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa Letlhakeng/Lephepe, Rre Liakat Kabaly bosheng.
Kgosi Puleng o ne a kopa mopalamente go lekela ba ba saletseng kwa morago gore le bone ba tle ba atswiwe mo tsamaong ya nako.
Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Letlhakeng North, Mme Kebafilwe Moselesele o ne a supa fa ditlhabololo tsa P10 million wa dikgaolo tsa botlhophi tsa Letlhakeng di tsweletse, a re ba aga di [stall] fa maemelong a dipalamo.
Mo go tse dingwe Mme Moselesele o supile fa ditiro tsa ba-na-le bogole di tsweletse, a supa fa ba goketse sediba ba bo ba aga le matlwana a boitiketso, mme ba tlhaela ka mabeelo a dithoto.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya SHHA, Rre Goweditswe Moabi, o ne a supa fa ba ba agetsweng matlo ka lenaneo leo ba sa duele sekoloto sa bone sentle.
O tlhalosistse fa maikaelelo a lenaneo SHHA e le nthuse ke go thuse, mme fa ba ba thusitsweng ba sa duela, ba paledisa gore ba ba kwa morago ba thusiwe.
E rile ba tswa la bone, banni ba supa matshwenyego a bogodu jwa leruo jo bo ba apesitseng kobo ka letshoba.
Rre Baitse Monyatsi o ne a supa fa letsholo la Kgomo Khumo le bereka, mme a kaya fa Omang wa dikgomo yo o dirisiwang gompieno, a dira gore leruo la bone le utswiwa motlhofotlhofo.
Rre Paper Dikwata o ne a kopa gore metsi a Letlhakeng a tlhatswiwe, a kopa gape gore lenaneo la go fa dikolo dijo[supply] le tsenngwe leitlho ka le ikwadiseditswe ke badirela puso fela.
Bangwe ba ne ba supa matshwenyego ka matlwana a boitiketso a dikole tse dipotlana, ba re seemo sa one ga se a siamela botsogo jwa bana.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la boipelego, Rre Elliot Sebikiri o ne a bolela fa khansele e rekile koloi e e gogang leswe mo matlwaneng a boitiketso, a bo a tlhalosa gape fa lenaneo la go rekela dijo kwa dikolong le tshwanetse go akolwa ke benggae.
O kopile batsadi go kgalemela bana gore ba seka ba hula dipone tsa mekgwatha, a supa fa ba busetsa ditlhabololo kwa morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 22 Jul 2018



