Breaking News

Ditshupo tsa Kgalagadi di pharologanyo

19 Jul 2018

Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang ditshupo tsa Kgalagadi Borwa Rre James Sampson a re ditshupo tsa monongwaga di tsile go nna pharologanyo fa di tshwantshanngwa  le tsa dingwaga tse  fetileng.

Mo puisanyong le BOPA, Rre Sampson o boletse fa ditshupo tseo di tlaa tshwarwa kgwedi eno e le masome a mabedi le bone go fitlhelela e le masome a mabedi le boherabobedi mo Tsabong kwa lobaleng lwa ditshupo ka setlhogo se se reng: Go Tlhabolola Temo-Thuo gore e nne e e ka tswelang batho ba dikgaolo mosola.

Modulasetilo o tlhalositse  gore fa e sale ba le malala a laotswe go baakanyetsa ditshupo tseo mo tshimologong ya ngwaga e le tsela nngwe ya go tsaya nako ba  ipapatsa le go laletsa setshaba.

O ne a tlhalosa gore le ntswa ditshupo tsa Kgalagadi Borwa di sa tshwarwa ngogola ka lebaka la letlhoko la barotloetsi, ngwaga ono komiti e tshwaragane le badirelapuso e itomile molomo wa tlase go tlhomamisa gore ditshupo tsa ngwaga ono di tokafetse  go nna  tsa boleng jo bo kwa godimo.

O ne a tlatsa ka go re ba ikaelela go supa loruo  lo lontsi lwa boleng jo bo kwa godimo le disupiwa tse di ntsi tsa  maemo a ntlha.

Rre Sampson a re mo nakong ya gompieno ba setse ba kgonne go gopa lobala, go aga masaka, dioko tsa dikoko le go baakanya fa metlaagana ya bagwebi ba ba botlana, puso le dikompone tse di ikemetseng di tlaa bewang teng e e  fetang masome a mane.

A re metlaagana e tlaa simololwa go agwa kgwedi eno e le masome mabedi le bone bagwebi ba ntse ba tsweletse ka go ipaakanyetsa go rekisa kwa ditshupong tseo,  fa dikgaisanyo tsa bommabontle tsone  di tlaa tshwarwa kgwedi  eno e le masome a mabedi le bosupa.

O kaile fa ditshupo tsa monongwaga di tlaa jesa leitlho la molebeledi monate ka gareng ga tse di natefisang e le mabelo a dipitse, dikammela, mmino wa polka, dikhwarele, kgwele ya dinao le tse dingwe.

Modulasetilo a re go tlhoka barotloetsi mo ditshupong tsa kgaolo ya bone go na le seabe se sentsi mo kgolong ya ditshupo ka ba felela ba sena madi ape a a ba salaleng go tsweledisa mo ditshupong tseo ngwaga le ngwaga.

Le fa go ntse jalo modulasetilo o boletse fa ngwaga ono  ba na le  kemedi ya banana ba kgaolo ba ba berekelang kwa ditoropong go ba thusa go baakanyetsa ditshupo ka go ba batlela barotloetsi mme mo nakong ya gompieno lekalana la CEDA le BHC  e le bone fela ba itshupileng ka go rotloetsa ka ka P30 000 le P20 000 ka go latelelana.

A re  le ntswa komiti e  tlhaelelwa ke madi, madi a kgorwana le a metlaagana a tlaa thiba diphatlha tse dingwe go duelela metshameko le badiragatsi tsa banana ba kgaolo eo  ba ba tlaa bong ba natefisa mo letsatsing leo.

Rre Sampson o boletse fa a solofetse palo e ntsi ya balemi-  barui  go tla go supa loruo lwa bone le tsa temo tse di lengwang mo kgaolong eo di akaretsa marotse, magapu, mmidi, dinawa, disupiwa tsa ditiro tsa diatla le tse dingwe.

A re sebui sa tlotla e tlaa bo e le mogolwane go tswa kwa CEDA go tswa Gaborone.

O kaile fa gape ba solofetse bontsi jwa batho go tswa mo dikgaolong tse di farologanyeng mo lefatsheng leno, dikompone tse di farologanyeng gareng ga tse dingwe BMC, Mascom,Legal Aid Botswana, FNB, Baclays Bank, MVA le tse dingwe go ipapatsa le go isetsa Batswana ditirelo mo ditshupong tseo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Catherine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 19 Jul 2018