Komiti ya loeto lwa ga tautona wa pele e weditse tiro
19 Jul 2018
Komiti e e neng e rulaganyetsa leeto la tsamaya sentle la ga tautona wa pele e abetse kgotla ya Palapye ditilo di le makgolo a mane tse di rekilweng ka madi a a neng a sala morago ga leeto ya bo ya rolela bogogi tse e di dirileng.
Motshwara madi wa komiti, Rre Lawrence Bodilenyane o tlhalositse fa madi otlhe a a neng a kgobokantswe e le P444 572 mme ga sala P21 100 yo o dirisitsweng go rekela kgotla ya Palapye ditilo.
Rre Bodilenyane a re tsotlhe di tsamaile ka fa tshwanelong e bile ba dirile gotlhe mo ba ka go kgonang go kgotsofatsa morafe ka go rerisana le bogogi ga mmogo le mopalamente wa kgaolo.
O akgoletse beng ba dikgwebo le banni tshwaragano e ntle e e ba kgontshitseng go dira tiro eo mo nakong e khutshwane, a re kemo nokeng ya dikhamphani, beng ba dikgwebo le batho ka bongwe ka bongwe e ne e le ya maemo a ntlha.
Pego eo e ne ya itumelelwa ke boeteledipele jwa motse ba bo ba e amogela le go supa fa ba itumedisitswe ke ka fa komiti e dirileng ka teng mo nakong e khutshwane e ba neng ba e neetswe go dira tiro eo, e e eng e le mashetla e bile e tlhokana le go dirwa ka manontlhotlho.
E ne ya re a rola ditilo, mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya a supa fa go sena sepe se a se ngongoregelang, a re morafe ga o ke o tlhoka go ngongorega, segolo jang mo ditirong tse ditona mme a akgola komiti a re e dirile ka botswapelo mo nakong e khutshwane.
A re therisano ke sengwe sa tse di fenyang tsotlhe mme ga go na motho yo o ka senyang a sa dire.
O ne a rolela mothusa kgosi, Rre Michael Maforaga ditilo tseo a re go mo go bone gore ba di baya kae ka e le tsa kgotla ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 19 Jul 2018



