Basekisiwa ba letetse tsheko kwa ntle ga kgolegelo
19 Jul 2018
Basekisiwa ba le bararo ba ba lebaganweng ke molato wa go utswa leruo ba tlaa letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo.
Basekisiwa bao, e bong Kepaletswe Majahi le Mpho Ramoswang ba Morwamosu ga mmogo le Onalenna Dihawa wa Kokong ba lebisitswe molato o le mongwe wa go utswa leruo ba sena go fitlhelwa ka dikgomo di le nne Seetebosigo e tlhola malatsi a le lesome le boraro monongwaga go bapa le Morwamosu.
Ba bosekisi ba ne ba supa fa ditlhotlhomiso mo kgannyeng eo di santse di tsweletse ka ba letile mokwalo o o rurifatsang beng ba dikgomo.
Inspector Kumbani Machaya o ne a tlhalosetsa lekgotla gore e le ba bosekisi ga ba kgatlhanong le gore basekisiwa ba letele tsheko kwa ntle, mme ba kopa gore ba beelwe melawana ya go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo.
Mmakaseterata Odirile Mokgatle o ne a laela gore basekisiwa ba letele tsheko kwa ntle ga kgolegelo mme mongwe le mongwe a itlame ka dikete tsa dipula di le tharo gammogo le go tsisa batho ba le babedi ba ba tlaa itlamang ka sekete le sephatlo mongwe le mongwe.
O ne gape a laela gore Majahi le Ramoswang ba iponatse kwa ofising ya mapodisi ya Morwamosu, Mosupologo mongwe le mongwe fa gare ga nako ya 7:30 le ya 16:30, fa Dihawa a tlaa iponatsa kwa ofising ya mapodisi ya Kokong mo malatsing le dinako tse di tshwanang.
Rre Mokgatle o ne a ba gakolola gore ga ba a tshwanela go dira molato ope ka nako ya ba santse ba letetse tsheko.
Mmueledi wa basekisiwa Rre Sylvester Mokwaise o ne a supa fa a amogela melawana eo ya gore basekisiwa ba ka letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo fa go santse go letilwe ba bosekisi go wetsa ditlhotlhomiso.
Basekisiwa ba tlaa iponatsa fa pele ga lekgotla Phatwe a tlhola malatsi a le mabedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Tsheko
Date : 19 Jul 2018



