Breaking News

Dirisang ofisi ya mopalamente

19 Jul 2018

Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami Mme Dorcas Makgato o kopile banni ba kgaolo ya gagwe go dirisa ofisi ya mopalamente go rarabolola dikgang tsa bone.

O buile jaana fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi bosheng.

A re banni ga ba a tshwanela go nna ka dikgang tse di ba tshwenyang mme ba tshwanelwa ke go ya kwa ofising ya a kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami gore e di ba rarabololele.

Mme Makgato a re go na le dikgang di le dintsi tse di isitsweng kwa ofising ya gagwe mme ya di rarabolola.

A re dikgang tse di tlhokanang le gore ofisi ya mopalamente e di rarabolole di tsena ka ofisi ya gagwe mme fa di palela ba ofisi di tlaa bo di fetela kwa go mopalamente wa kgaolo mme fa di pala o di fetisetsa kwa go ba ba maleba go di rarabolola.

O tlhalositse fa ofisi ya mopalamente e rarabolotse dikgang di le 179 mo go tse 195 tse di neng di isitswe kwa ofising eo, go simolola ka 2014.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Mme Makgato yo e bileng e le tona wa merero ya setshaba, mesepele le bong, o ne a bolela fa kgang ya kokelwana ya Sefhare e e santseng e agwa, e santse e tsweletse ka bangwe ba bolela fa e rile e santse e le tona wa botsogo le boitekanelo a tlatlaganya dikokelo kwa motseng wa Sefhare.

O ne a bolela fa seo e se boammaaruri ka banni ba Sefhare ba ne ba na le tshwanelo ya gore ba agelwe kokelwana ya bone mo motseng ka kokelo e e leng teng e dirisiwa ke balwetse mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami mme ba romelwa go tswa kwa dikokelwaneng tsa metse ya bone go ya go bona ngaka.

A re go romelwa ga balwetse go tswa kwa metseng ya bone go ya kwa Sefhare go felela go baka mosuke e bile go sa siamela banni ba Sefhare ka le bone ba ya kokelong eo mme bone ba sa romelwa ke ngaka.

Ka jalo Mme Makgato go ne go le botlhokwa gore banni ba agelwe kokelwana mo motseng wa bone go fokotsa mosuke o o kwa kokelong ya Sefhare le gone gore fa ba ya kwa kokelong ya Sefhare ba bo ba dirisa tsamaiso e e leng teng ya gore ba romelwe ke ngaka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MOSHOPHA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 19 Jul 2018