Breaking News

Kereke e ka thusa go lwantsha borukutlhi

19 Jul 2018

Mokwaledi wa ofisi ya ga mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Ronald Mokgothu o kgothaditse dikereke ka go farologana go rapela ka thata go lwantsha seemo sa borukutlhi jwa dipolaano le ditagi tse di golelang pele.

Rre Mokgothu o buile jalo mo boemong jwa mopalamente Rre Abram Kesupile kwa pulong semmuso ya kereke ya New Israel Apostolic Church in Zion mo Kanye bosheng.

O boletse fa dikereke di tshwanetse go kgothatsa ka metlha yotlhe gore dikgoberego tse di diragalang mo lefatsheng di eme.

‘’Bakeresete le ba ba ipitsang ka leina la Modimo emang ka dinao le rorise morena ka tshwaragano le fenye mmaba Satane,’’ a rialo.

O boletse fa dikereke di tshwanetse go gasa molaetsa ka bogolo jwa Modimo go ya kwa bathong le go ba sokolola.

A re lefatshe jaanong le tletse makgwakgwa le khuduego ka gore malwapa a bolaana ka bokete jo bo hakgamatsang ga mmogo le ditagi.

O kopile dikereke go rapelela bogogi jwa lefatshe ka tlhoafalo le gore dikereke di atologe.

O bile a kopa maloko a kereke go ema nokeng baruti ba bone, ba rapelele gape magosi le lefatshe la Botswana.

O tlhalositse fa kereke ya New Israel e simolotse kwa Afrika Borwa kwa Dinokaneng mme ya tla mo Botswana ka 1994.

Fa a afa malebo, moruti yo mogolwane wa kereke eo Bishop Mosimanewakgotla Samaribela o ne a leboga go menane gore ere ba bitsa bogogi go tla go bula kereke ya bone ba seka ba ipona tsapa.

O tlhalositse fa kereke e kwadisitswe ka semolao mo Botswana ka 1999.

O tlhalositse fa kereke eo e filwe setsha le dikago tse e neng e le tsa lephata la Water Affairs fa ba ne ba fuduga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Pulo Semmuso Ya Kereke

Date : 19 Jul 2018