Letso o itshetsa ka matlakala
19 Jul 2018
Rre Mogogi Letso wa Maun o gwetlhile banana go ikemela ka dinao go tokafatsa matshelo a bone, ka puso e otlolotse letsogo ka mananeo.
A re ba tshwanetse ba lemoge gore puso ga e kake ya thusa batho botlhe ka ditiro, ke ka moo e dirileng mananeo gore bangwe ba itlhamele mebereko ba bo ba hire ba bangwe.
Rre Letso o boletse seo mo potsolosong a supa fa ene a oba letsogo ka go dirisa matlakala go dira dibuka.
A re o dumela fa mongwe le mongwe a tshwanetse go ema ka dinao go itshetsa ka jaana Modimo a file batho ditlhaloganyo.
Rre Letso yo o dingwaga di masome mararo le bosupa, o boletse fa ene a ne a tlelwa ke tlhaloganyo ya go sela matlakala jaaka dipampiri mo motseng go simolodisa kgwebo ya go dira dibuka.
A re o simolotse go nna le lorato lwa go dira ka diatla a sale mmotlana ka jaana a godile a rata go tshwantsha le go dira mekgabisa ka dilo tse di farologanyeng.
A re malebela le botsipa o bo bone mo go mmaagwe ka jaana a rata dira mekgabisa gape a loga, ka jalo go simolola kgwebo e, go ne go se thata mo go ena.
Rre Letso a re fa a sena go lemoga fa a amule botsipa, o ne a seka a adima tshwene marapo mme a tswelela a godisa talente ya gagwe, ka a ne a lemogile fa bontsi jwa batho mo kgaolong bo dira mekgabisa.
O boletse fa a ne a thapiwa ke kompone ya Branch Development kwa Maun ba ba dirisang matlakala go dira mekgabisa.
A re kwa komponeng eo, o ne a ithuta dilo di le dintsi ka tiriso ya pampiri, mme ka 2015, a tlogela tiro mme a ya go tsweledisa talente ya gagwe kwa lwapeng ka jaana a ne a sena lefelo le a ka direlang mo go lone.
O tlhalositse fa e rile ka 2016, a bona lefelo mo motlobong wa ditso wa Nhabe Museum mme a tsweledisa tiro ya go dira dibuka.
Dibukana tse a di dirang o di rekisetsa batswakwa, bajanala, dikompone tse di rotloetsang tshomarelo tikologo le batho fela ba ba nang le kgatlhego.
A re nako e nngwe o kgona go lalediwa mo medirong le ditshupo mme a kgone go ipapatsa sentle fa dinako tse dingwe a rekisa dibuka tsa gagwe kwa mafelong jaaka Mababe, Khwai le Xaxaba ka e le gone kwa theko e leng botoka teng.
O supile fa batho ba mo eme nokeng ka go reka dithoto tsa gagwe.
O boletse fa e le leloko la mokgatlho wa Okavango Artists Association.
A re le gone go a mmerekela ka jaana a kgona go ipapatsa botoka ka nako tsa fa mokgatlho o tshwere ditshupo.
A re banana bangwe ba supile kgatlhego mo tirong ya gagwe, ka jalo o bone go le botlhokwa go ba ruta a sa ba lope dituelo ka jaana a itumelela gore bontsi bo kgatlhegela tiro ya diatla ka jaana e le bogadi bo gaufi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oratile Mothibedi
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 19 Jul 2018



