Breaking News

Batswapong ba iteela diphetogo legofi

18 Jul 2018

Banni ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami ba iteetse legofi diphetogo tse di dirilweng ke puso tse di itebagantseng le go tsewa ga karata ya Omang.

Fa ba bua kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke tona wa merero ya setshaba, mesepele le bong, Mme Dorcas Makgato bosheng, banni ba ne ba supa fa ba itumelela se puso e se dirileng ka ba ne ba kgoreletsega go tsaya Omang.

Ba re go ne go nna mosuke kwa diofising tsa Omang mme mo dinakong tse dingwe ba felele ba kgobega marapo.

Ba boletse fa ba lebogela diphetogo tseo ka di supa fa puso e kgathala ka bone.

Ba ne ba bua jalo ba tsibogela mafoko a ga Mme Makgato, yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami, yo o neng a ba itsese fa puso e fetotse ditsamaiso dingwe tse di neng di kgoreletsa Batswana go dira Omang.

Mme Makgato o ne a bolelela banni fa puso e ne ya bona go tlhokafala gore ditsamaiso tsa go nna jalo fetolwe ka ponyo ya leitlho.

O boletse fa nngwe ya ditsamaiso tseo e le e e neng e batla gore bagodi ba tle ka basupi ba ba ba fetang ka dingwaga tse di lesome fa ba tsaya kgota ba shafatsa boOmang.

Nngwe ya ditsamaiso tseo a re ke e e neng e re fa motho a ne a sa itse ngwaga o a tshotsweng ka one go bo go kwalwa xx/xx mo karateng ya Omang fa mo paseng go ne go kwalwa 01/01, mme go sa tsamaelane.

Ka jalo a re go fetotswe mme fa motho a sa itse malatsi a gagwe a matsalo go kwalwe 01/01 mo karateng ya Omang gore go tsamaelane le dipasa.

O tsweletse a re tsamaiso nngwe e e fetotsweng ke e e neng e tlama Batswana ba ba nang le ditumelo dingwe go rwala sengwe kana ditukwi mo tlhogong ba bo ba rola, mme jaanong ba tlaa letlelelwa go rwala mme a ntshe sefatlhego le ditsebe di bonale sentle.

O ne a tlatsa ka go re bana ba ba sa kgonang go tsaya Omang ba le kwa sekoleng mo gae kana ba le kwa ntle ga lefatshe jaanong ba tlaa kgona go dira Omang kwa nlte ga dikotlhao dipe.

O ne a itsise banni fa go tlaa atoloswa ditsamaiso tsa go tsaya Omang mme go lejwa le kgang ya fa motho a sa bolo go tsaya Omang mme a setse a le mo dingwageng tsa bogodi tse a sa fetogeng sefatlhego kana a setse a godile thata gore a ka seka a neelelwa Omang wa sennelaruri o o sa tlhokaneng le gore a e go o shafatsa.

Mme Makgato a re lephata la gagwe ga le batle go nna sekgoreletsi mo Batswaneng ka jalo go tlaa duwa ka metlhale e go tlaa nnang motlhofo gore go tsewe Omang.

A re fa motho a setse a tsere Omang e bile go setse go dirilwe gotlhe gore a felele a fiwa Omang, go tshwanetse go nne motlhofo gore a mo shafatse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya Mopalamente

Date : 18 Jul 2018