Mapodisi a mo ditlhotlhomisong
18 Jul 2018
Mapodisi a Moshupa a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa Bikwe go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le loso lwa monna mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano wa Manyana.
Se se tlhalositswe ke mogolwane wa mapodisi a Moshupa Suprintendent Oteng Ngada mo potsolotsong le BOPA bosheng.
A re tiragalo eo e diragetse ka Matlhatso, a re bobedi joo bone bo le ko maitisong a nnotagi mo maitseboeng nako e ka nna ya borataro mme ba felela banna le tlhokakutwisisanyo.
Supt Ngada o tlhalositse gore mmelaelwa o ka tswa a dirisitse sengwe se se bogale go tlhaba rre yoo ka jaana a ne ragosediwa kwa kokelong ya Thamaga kwa e rileng a goroga teng ba bongaka ba tlhomamisa fa a tlhokafetse.
A re mmelaelwa o mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso.
O tlhalositse gore e e rile maabane mmelaelwa a isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Kanye go arabela molato wa polao ya motho.
A re moswi o beilwe kwa kokelong ya Thamaga go letela go tlhatlhojwa ke ngaka.
Mo go tse dingwe, mothusa mogolwane wa mapodisi a Kanye Assistant Suprintendent Mogogi Mathaba o tlhalositse fa mapodisi a Kanye a ntse a batla ba ga bone rre mongwe yo o neng a begwa ke bafeti ka tsela mono Kanye go lebega a gobaditswe mo a neng a sa kgone go bua mme a ragosediwa kwa kokelong ya Sabata mo Kanye kwa a feletseng a fitisediwa kwa go ya Marina kwa Gaborone.
Assistant Supt Mathaba o tlhalositse fa tiragalo eo e le ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro.
A re mme ka lesego e rile maabane ga bonwa batsadi ba gagwe, a tlhalosa fa rre yoo a santse a le kwa kokelong mme a sidilega.
O tlhalositse fa rre yoo a le dingwaga di masome mararo le botlhano, a tlholega kwa motsing wa Selokolela mme go utlwala a ne a hirilwe e le modisa kwa morakeng wa Mmamosetswane mo kgaolong ya a Maokane.
A re e ntse e le ka mafelo a beke go nnile le kgang ya thubetso, a re mme mongwe wa kgotla ya Kebuang mono Kanye wa dingwaga tse di masome a mabedi le motso o ne a thubediwa ke banna bangwe ba le babedi ba a sa ba itseng mme go lebega ba le magaring ga dingwaga tse di masome mabedi le bobedi go ya kwa go tse di masome mabedi le boratao.
A re tiragalo eo ke ya makuku a letsatsi la Tshipi a tlhalosa fa batho bao ba ne ba tswa maitisong a nnotagi mme e bile mme yoo le ene go lebega a ne a le mo sediding sa nnotagi.
O tlhalositse fa mme yoo a thubeditswe mo mafelong a a farologaneng, a re ga go a tshwarwa ope mabapi le tiragalo eo fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 18 Jul 2018



