Breaking News

Monna o bolailwe ke koloi kwa Kanye

18 Jul 2018

Mapodisi a Kanye a mo ditlhotlhomisong mabapi le loso lwa monna mongwe wa kgotla ya Mpuutsane mo Kanye yo o neng a thulwa ke koloi bosigo jwa Matlhatso, Phukwi a le 14 mo tseleng ya Kanye/Mmathethe gaufi le diofisi tsa ba mesepele mme a tlhokafalela gone foo.

Se se boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Sejelo mo Kanye Superintendent Mogomotsi Matlapeng mo potsolosong le BOPA.

Supt Matlapeng o tlhalositse gore moswi o dingwaga di masome a mabedi le boferabongwe mme o ne a thulwa ke koloi e e neng e kgweediwa ke monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le boferabongwe wa Mmopane Block 1.

Supt Matlapeng o tlhalositse fa rre yoo a ne a inaya naga a sena go thula motho, mme morago a tloga a ipega kwa mapodising mabapi le tiragalo eo.

A re ka jalo rre yoo o mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso.

O tlhalositse gore e rile maabane a isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mo Kanye go arabela molato wa go thula motho a bo a sia, le wa go kgweetsa ka bofafalele mo go feletseng go baka loso lwa motho.

O tlhalositse gore moswi o beilwe kwa setsidifatsing sa ga Pule mono go tla a tlhatlhojwa ke ngaka.

A re le fa go ntse jalo o leboga banni ba Kanye go bo ba ne ba itshwere sentle ka malatsi a boitapoloso kwa ntle ga yone kotsi eo fela e e gapileng botshelo jwa motho.

A re le fa go le jalo ba sepodisi ba santse ba tshwenngwa ke borukutlhi jo bo diragalang bosigo mono Kanye jo batho ba amogwang dithoto tsa bone jaaka dithelebishini le tse dingwe, mme a ikuela mo go ba ba amegang go emisa go dira tiro e e setlhogo eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 18 Jul 2018