Breaking News

Bakeresete ba gwetlhiwa go nna sekao

18 Jul 2018

Mookamedi wa kereke ya King in Calvary go tswa Kgagodi, Archbishop Solomon Mokotedi a re bakeresete ba dire ditiro tse di molemo mo matlhong a Modimo ka jaana boikarabelo jwa bone e le go ngokela ba ba mo lefifing mo leseding.

O buile jalo fa a bula semmuso phuthego kgolo ya kereke ya The Apostolic Jerusalem of God mo Maun bosheng.

Phuthego eo, e e neng e tshwerwe ka setlhogo se se reng Botlhokwa jwa Bokeresete le Boeteledipele jwa Tlhwatlhwa e ne e ngokile makalana a kereke eo go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe.

Archbishop Mokotedi o gwetlhile maloko a kereke eo go tshela se ba se rerang, a tlatsa ka gore morafe ka kakaretso o solofela go bona ditiro tse dintle tse di eletsegang mo go bone.

A re ba tshwanetse ba tlhaloganya gore tiro kgolo ya bone ke go rera lefoko la Modimo ka maikaelelo a go gogela mewa e e latlhegileng mo ntlong ya Modimo gore e bolokwe.

A re ba tshwanetse ba supa gore ke baeteledipele ba tlhwatlhwa ka ditiro gore batho ba kgone go ba tsaya tsia fa ba ba rerela efangedi. O ba rotloeditse go tlotlana.

Maloko a ne gape a gakololwa ka botlhokwa jwa bokopano bo tshwana le diphuthego tsa kereke, a re ba tshwanetse ba bo tsena go sena seipato ka jaana e le yone nako ya go gakololana, go fa phuthego dipego tsa ditsamaiso le kgolo ya kereke.

Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa kereke eo, Archbishop Mokolobetsi Mokoya o ne a lebogela mafoko a a molemo a ga moruti, a gatelela gore bakeresete ba tshwanetse ba bua ka lentswe le le lengwe ka jaana botlhe ba ipitsa bana ba Modimo.

O gateletse botlhokwa jwa go dira ba le ngata gore ba fitlhelele ditiro tsa kereke ya bone, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba diragatsa se ba se dumalaneng mo diphuthegong tsa bone ka seo se ka godisa kereke.

O ne a lebogela gape phuthego ya gagwe a re ba santse ba tsamaya mo tseleng e e siameng ka jaana ba kgatlhegela go botsa le gakolola fa go tlhokafala.

Archbishop Mokoya o ne a lebogela makalana a kereke go bo a tshologetse pitso a re go botlhokwa gore ka nako tsotlhe ba tle ka dipalo palo ka jaana mo phuthegong eo, ba buisanya ka dikgang tsa botlhokwa tse di amang matshelo a bone.

A re ba bua ka dikgang tse di bopang le gone go tlhabolola kereke.

O ba rotloediste gape go obamela molao-motheo wa kereke ga mmogo le wa lefatshe.

A re ba tshwanetse ba ipela ka jaana mo Botswana ba tshela ka kgololesego le kagiso e bile molao motheo o ba letla go rapela go sena sekgoreletsi sepe.

Archbishop Mokoya a re fa ba ikanya molao-motheo, ba tlaa fenya mmaba saatane mme ba kgone go gogela mewa e mentsi mo tumelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Phuthego ya Kereke

Date : 18 Jul 2018