Badirelapuso ba lela ka letlhoko la ditsompelo
18 Jul 2018
Badirelapuso mo Kanye ba ngongoregile ka go tlhoka ditsompelo tse di lekaneng mo maphateng a bone gore ba ntshe tiro ka natla.
Ba ne ba ntsha dingongorego mo phuthegong e ba neng ba buisiwa ke mokwaledi wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi le khuduthamaga ya gagwe bosheng.
Ba boletse fa ba na le dikgwetlho tse dintsi tse mhiri a sa di tsibogeleng gore ba kgone le go isa lefatshe leno kwa pele.
Matlhoko a bone a akaretsa go tlhoka diofisi, go diega go duelwa fa modiri a fetisitse nako ya pereko, go hudusiwa ba tlogedisiwa basadi le banna ba bone le go tlhatlosiwa maemo mo tirong.
Rre Molemisi Teemane ene o ne a re fa ba tswa mo tirong morago ga dingwaga di le masome marataro, ba tswa ba iphotlhere fela go sena se ba ithusang ka sone ka gore madinyana a ba ntseng ba a ipeela a tsaya nako go tswa.
Ka jalo ba kopile gore ba ba tlogelang tiro ka bogodi le bone ba direlwe mananeo fela jaaka banana.
E rile go le pele, Rre Morupisi a bolelela badiri ka maikaelelo a ga Tautona Mokgweetsi Masisi fa a sena go tsena mo setilong.
A re Tautona Masisi o batla go dira ditiro mme a kopa ba maphata a a ikemetseng ka nosi gore ba nne le seabe gore ditiro di nne teng.
O ne a bolela fa puso e dira bojotlhe go kabakanya itsholelo le gore lefatshe la Botswana le tswelele ka go itsewe ka mokgwa o o molemo le kagiso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya Badirelapuso
Date : 18 Jul 2018



