Breaking News

Ditiro tsa ditlhabololo di tlhoka morero

18 Jul 2018

Mothusa mokwaledi mogolo wa kgaolo potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgabanyane  o tlhalositse fa ditiro tsa ditlhabololo di tlhoka morero le neelano go hema dipharologanyo mo go tse kgaolo e di tlhokang.

Rre Kgabanyane o tlhalositse jaana jaaka a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Maunatlala mo kgotlaneng ya Loologa kwa Molepolole bosheng go ba tsibosa ka ditiro tse ditshwanetseng go dirwa mo kgaolong ya bone.

A re le fa ba ka thusa ka tsa bogakolodi, morafe o tlhoka go ikgethela ditiro tse ba eletsang di ka dirwa a kaya fa go le botlhokwa gore ditiro tsa ditlhabololo tsa kgaolo e nne tse di ka tswelang banni mosola.

O ne a tlhalosa fa go sa tshwaraganeng go dira gore ditlhabolo di salele kwa morago, selo se a kaileng fa se kgoreletsa gore ditlhabololo tsa ngwaga o mosha wa madi go ka simolola ka nako ka jaana ba santse ba itabagantse le ditiro tsa ngwaga wa 2017/18.

Mothusa mokwaledi mogolo o ne a tsibogela kgang e mo go yone morafe le bogogi jwa kgaolo bo sa dumalaneng ka yone ya tlhabololo ya lebala le le tlwaelesegileng ka go bidiwa la Neal, le bontsi bo bonang le ka se ba tswele mosola.

Rre Kgabanyane a re bone e le khansele ba ne ba solofetse gore keletso ya morafe ke go teratela lebala leo, selo se a kaileng fa ba ne ba ka se dira mo nakong e khutshwane mme jaanong go lebega fa bogogi jwa motse bo batla go dirwa  tlhabololo e tseneletseng mo go lone.

O supile fa  jaanong kgang ya keletso ya go tokafatsa ditlhabololo tse di tseneletseng e thatafadiwa ke tsa boitseanape jo bo supang fa jaana lebala leo le na le metsi a mantsi thata.  

O supile fa seo se ka ba turela e le khansele go katela lebala le go epa mesele ya metsi.

A re tsholofelo ya bone e ne e le gore ba fetse madi a go teratela ka jaana kakanyo ya go le tokafatsa e tlhoka madi a mo nakong eno a sa kgonegeng.

Mo go tse dingwe tsa ditlhabololo Rre Kgabanyane o ne a tlhalosetsa morafe fa e tlaa re mo tsamaong ya kgwedi eno, ba kompone ya BITRI ba tle go tsenya dipone tse di dirisang  marang a letsatsi di le masome a mabedi mo kgaolong ya bone.

O ne a kopa morafe go tlhalosa ka fa ba batlang dipone tseo di ka tsenngwa ka teng mme bontsi jwa supa kgotlana ya Mokobeng ka jaana e le lefifi mme e bile dirukutlhi di tshwenya thata teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepang Segola

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 18 Jul 2018