Boiditswe o ranola toro ka padi
17 Jul 2018
Go kwala bukana ya padi ga se selo se se itlelang fela. Mongwe o ka dira jalo a gwetlhiwa ke mabaka a botshelo go supa kutlobotlhoko, go tsibosa kana maikaelelo e le go ntsha bodutu fela, fa bangwe ba kgona go dira jalo ba sena go tsenelela dithuto dingwe.
“Nna ke dumela gore ke tlhotlheleditswe ke mowa o boitshepo ka jalo se ke se dirang ke pitso,” ga tlhalosa jalo Rre Motswaiso Boiditswe.
Rre Boiditswe, mokwadi wa buka tsa padi, o tlhalositse jalo bosheng mo potsolotsong, a supa gore tshedimosetso ya go diragatsa pitso ya gagwe ya go kwala buka ya setlhogo sa Matshego a Lelwapa, e senogile ka ngwaga wa 2008 a le kwa motseng wa Maun.
“E ne e le ka kgwedi ya Sedimonthole ke le kwa Maun, mme lentswe la laela gore ke kwale buka. Ke ne ka thanya gare ga bosigo mme ka simolola go kwala se ke se laetsweng,” ga tlhalosa Rre Boiditswe.
Le fa go ntse jalo, o supile gore e ne e se la ntlha a gatisa bukana ya padi.
“Ka 2000, ke ne ka laelwa go kwala buka e bidiwa Bafenyi."
O tsweletse a supa gore padi ya gagwe e diragatsa thomo e a e filweng ke Modimo go gasa molaetsa wa go aga setshaba.
“Modimo o bonye go le botlhokwa go nthoma.” Boiditswe a re padi ya gagwe ke thomo e a e filweng ke Modimo go eteetsa malwapa go tshwaragana.
A re buka e, ga e a lebagana le banyalani fela, mme e bua le botlhe, e ruta ka merero ya lelwapa.
Gape e fa botlhe maele a botshelo, e ruta ka tsamaiso ya lenyalo.
Le fa gone Rre Boiditswe a supa gore mosepele wa go kwala o senogile e le pitso ya Modimo, o tsweletse a supa fa e le motho a rata thata go bala mekwalo ya bakwadi ba bangwe ka go farologana mme mo go mo thusa go rulaganya tiro ya gagwe ka botswerere.
“Ke dumela gore buka e, e ruta banyalani go bopagana ba tshwaraganela malwapa a bone. Se Modimo a se tshwaragantseng go se nne ope yo o se kgaoganyang,” ga tlhalosa Rre Boiditswe.
Mokwadi yo wa padi ya Setswana o supile gape gore mo botshelong go tsaya tshwetso ke selo se se dirwang ke motho a wetse dibete.
“Bo a re go tsholwa bo le bolelo bo tsoge bo fodile,” ga gatelela Rre Boiditswe gore banyalani kana batho ba kopantswe ke mabaka a botshelo, ba ithute go tsaya nako go na le gore ba tseye ditshwetso ka go hegelwa.
Rre Boiditswe a re padi ya gagwe e sidila maikutlo.
A re monna le mosadi ba tshwana le pitsa e le mo isong ka gore le fa kgabo ya molelo e ka peperetla, ga gona ko e ka tshabelang teng ka jalo banyalani ba itshokele mathata a malwapa a bone gore ba kgone go a fenya.
“Boamaruri le lorato ke mangwe a matshego a a agang lelwapa. Lorato, tumelo le tshepo ie tshela fa gare ga batho ba le babedi. A re itseng gore Modimo o rata go bona monna a itebagantse le mosadi a le mongwe,” Rre Boiditswe a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 17 Jul 2018



