Breaking News

Balemi ba rotloeditswe go tsaya ditshupo ka tlhwaafalo

17 Jul 2018

Mogolwane kwa lephateng la thotloetso temo-thuo ya tsa kgwebo o gateletse botlhokwa jwa go tsaya ditshupo ka tlhwaafalo go tokafatsa disupiwa.

Mme Mitchel Molemogi o buile jalo mo potsolotsong kwa ditshupong tse di sa tswang go wela tsa kgaolo potlana ya Lentsweletau.

A re ditshupo di mosola ka di di fa balemi barui sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe le go tsaya botsipa.

A re balemi ba tsaya malebela kwa ditshupong gore ba ithute go tokafatsaa temo ya bone le go ntsha dijwalo tse di nang le boleng.

O tladitse ka go supa fa go ya ditshupong go kopanya balemi ga mmogo le go tsaya megopolo e e maleba mo go ba bangwe.

A re gape fa balemi ba tseneletse ditshupo. ba nna le sebaka sa go bapatsa temo ya bone mo bareking, ka jalo e nna sebaka sa gore ba bone dipoelo ka go tswa mo bareking ba le bantsi.

Mme Molemogi a re gape ditshupo di fa bagwebi phadisano e e kwa godimo gore ba kgone go tokafatsa dikgwebo tsa bone.

A re dikgaisano tsa temo-thuo di fa barui kgothatso fa ba dirile sentle, mme seo se ba tiise moko go tswelela ba dira ka natla nako tsotlhe.

O tsweletse a kopa bagwebi ba temo-thuo go etela lephata la bone go tsaya dithuto tse di maleba tsa kgwebo.

A re lephata la bone le fa bogakolodi jwa go tsamaisa kgwebo ya temo-thuo le go baya dibukana go bona ka fa kgwebo e tsamayang ka teng.

O rotloeditse balemi go lema dijalo tsa boleng jo bo kwa godimo gore ba kgone go roba temo e e nonofileng ebile e na le dipoelo.

A re gape ba tshwanetse go lema go le go ntsi gore ba kgone go rekisa lefatshe lotlhe, ka jalo ba fokotsa selekanyo sa dijo tse di rekwang kwa mafatsheng a sele.

Mongwe wa bagwebi ba ba neng ba tseneletse ditshupo tseo, Mme Sarah Mosarwa, a re ditshupo di mosola mo go bone ka di ba fa sebaka sa go ithuta dilo tse di farologaneng mo go ba bangwe.

Ka jalo, a re o ithutile go le gontsi ka temo ya merogo e a reng e batla bopelotelele ka nako tse dingwe seemo sa bosa se sa iketla mme merogo e fisiwe ke letsatsi kana go senngwa ke pula.

Mme Mosarwa a re gape o lemogile gore go mosola gore e le bagwebi ba ikopanye ka ditlhophana ka go dira dikoporasi tsa temo.

A re dikoporasi di tiisa bagwebi moko ka ba kopanela kgwebo mmogo mme ba nne le sebaka sa go fana dikgakololo tsa go itokafatsa.

O rotloeditse bagwebi ba bangwe go nna ba tsenelela ditshupo gore le bone ba nne le sebaka sa go itse gore go iragala jang le gore di ka ba sologela molemo jang.

Mongwe wa ba ba neng ba ile ditshupong tseo, Rre Balibi Mokone a re o itumeletse gore dijalo le leruo tsedi supilweng ke tsa boleng jo bo kwa godimo, selo se a reng se supa fa ba tsaya temo ka tlhwaafalo.

Le fa go ntse jalo, a re o tshwentse ke gore ditshupo tseo ga di na maitiso a a lekaneng, ka jalo babogedi ga ba na se ba itlosang boduto ka sone.

A re go ka tokafadiwa ka mabelo a dipitse le a batho go ngoka bontsi. Ka jalo, ditshupo tseo di ka busa dipoelo tse di ka di tlhabololang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : LENTSWELETAU

Event : Potsolotso

Date : 17 Jul 2018