Breaking News

Mascom e abela baithuti

17 Jul 2018

Mo go ketekeng dingwaga di le masome a mabedi, ba kompone ya megala ya Mascom ba ne ba bona go le maleba go thusa tshaba e ba direlang mo go yone.

E ne ya re bosheng ba Mascom ba abela baithuti ba basetsana ba sekolo se segolwane sa Masunga mephuthelwana e le dikete tse pedi ya mesangwana ya bomme.

Mogolwane wa Mascom, Mme Metseatsile Lesogo a re le ntswa go bona setswalo e le tlholego e mme mongwe le mongwe a tsenang mo go yone, go lemosegile fa bomme, bogolo jang bana ba basetsana, ba kopana le dikgwetlho go ka bona mesangwana ya go nna jalo.

Mme Lesogo a re ba lemogile gape fa se se kgona go itsa bana bao go ya dikolong fa ba bangwe ba felela ba dirisa dilo tse di sa siamang jaaka dipampiri, dipolasetiki, diaparo tsa bone le tse dingwe jalo, tse a boletseng di kgoreletsa seriti le botsogo ja ngwana wa mosetsana.

A re go tlhoka mesangwana ga baithuti go ka feletsa go ba gogela mo go batleng ditsela dingwe tse di sa lebanang gore ba kgone go nna le yone.

Mme Lesogo o ne a kgothatsa baithuti ba ba basetsana ba sekole seo, go itse fa go bona setswalo e le tlholego e ba sa tshwanelang go e tlhabelwa ke ditlhong, mme e bile ba sa tshwanela gape go gataka seriti sa bone ka ntlha ya sone.

Fa a tswa la gagwe mogokgo, Mme Mmadube Letsholathebe o ne a leboga ba kompone ya Mascom ka mpho eo,  e a tlhalositseng fa e tla naya baithuti seriti.

O ne a supa fa bana ba basetsana ba le botlhokwa ka ditsela tse di farologaneng, ka jalo go le botlhokwa gore ba nne ba lemogwa ka dinako tsotlhe.

Mme Letsholathebe o ne a kopa ba Mascom go tswelela ba thusa sekolo sa gagwe go tsweledisa loeto le ba setseng ba le simolotse le sone.  

Mo mafokong a gagwe, mogolwane go tswa mo lephateng la thuto go tswa ko moding mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Angela Matlhape o ne a supile fa lephata la gagwe le ne la tswa ka mogopolo wa Adopt-a-School ka ngwaga wa 2012,morago ga go lemoga fa puso ka nosi e ka seke ya kgona, ka jaana mokgweleo wa thuto e le kgetsi ya tsie

A re mpho eo e tshwanelwa ke go lebogelwa ka jaana baithuti ba tswa mo malwapeng a itsholeleo e e farologaneng mo bana bangwe ba iphitlhelang ba sa kgone go rekelwa mesangwana ya bomme.

Mme Matlhape o ne a supa fa go itumedisa ka go lebega makalana ka go farologana le batho ka bongwe ka bongwe, ba tsibogetse lenaneo leo, ka jalo a ba rotloetsa go seke ba felela fela mo Masunga mme ba ise thuso ya bone le kwa dikolong tse dingwe tse di kgolwane tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 17 Jul 2018