Breaking News

Mephato e ka thusa go ritibatsa boganana

17 Jul 2018

E re ka maitsholo a bana malatsi a e se a a kgatlhisang, Kgosi Dennis Mosielele wa kgotlana yoo Mosielele mo Kanye a re go nna teng ga mephato go ka thusa go fokotsa boganana.

O buile se fa a buisa lebatla kwa goo Mosielele, a kgothatsa morafhe go tsaya mephato ka tlhwaafalo ka e na le tiro e e ka e dirang mo go fetoleleng matshelo a batho kwa tshiamong.

A re boganana bo godile mo Kanye ka jalo go tlhoka tharabololo seemo se ise se tswele ruri mo taolong.

A re banana bangwe ba tshedisetsa batsadi ba bone mo kgobedung ka go ba tshosetsa matshelo le go ba kgokgontsha, ka jalo a gakolola gore ke nako ya gore mephato e tsenye letsogo mo go thuseng seemo se.

Kgosi Mosielele a re go a itumedisa fa morafe o tsibogela pitso ya ga Kgosikolo Malope fa a biditse mophato, mme a rotloetsa batsadi go rebola bana go ya mophatong fa o bidiwa.

Kgosi o tlhalositse fa mephato e ruta maitsholo le maitseo a a amogelesegang a setho gore motho a ikage jang ebile a tshele jang le ba bangwe mo setshabeng  ka kagiso.

O boletse fa mephato e tshwanetse ya ikitaya ka thupana go tsaya karolo mo ditirong  tse di tlhabololang motse.

A re batsadi ba tswelele ka go rotloetsa bana go itse ka ngwao ya Setswana gore ba ithute mo go bone ba santse ba tshidile.

O ne a gakolola  boo-Mosielele go ipaakanyetsa dikgafela gore nako e Kgosi kgolo a di bitsang bo ba sa bolo go iketleetsa, a supa fa go ipaakanya nako e santse e le geng go le botlhokwa.

O ba rotloeditse go thusa ka sengwe le sengwe fela se ba nang le sone gore dikgafela di tle di atlege. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Galaletsang Letshoo

Location : KANYE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 17 Jul 2018