Breaking News

Itshireletseng ka malatsi a boitapoloso

12 Jul 2018

Mookamela mapodisi a Palapye, Superintendent Waboraro Ramaja o kopile setshaba go itshireletsa mo borukhutlhing ka malatsi a boitapoloso a a simololang ka mafelo a beke.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Supt. Ramaja o tlhalositse fa go thujwa ga matlo ka malatsi a boitapoloso go le gontsi e bile go tsaya phekelo e sele ka batho ba tsaya maeto mme ba tlogele go sena ba ba tlhokometseng.

A re go tlogela matlo a sena batlhokomedi go fa magodu sebaka sa go thuba matlo mme ba tseye dithoto ba sa kgorelediwe ke sepe.

A re ba tswa kgakala e le mapodisi ba rotloetsa dikomiti tsa ntebele-ke-go-lebele mme go supagala fa bangwe ba le maoto a tshupa go tsena mo dikomiting tseo.

A re dikomiti tsa ntebele-ke-go-lebele di ka tswa setshaba thuso ka go fokotsa borukutlhi jwa go thubiwa ga matlo ka malatsi a boitapoloso.

“Nako tse dingwe go a makatsa, batho ba laela batho ba ba nnang kgakala le bone gore ba sale ba ba lebeleletse matlo mme motho a ipotse gore a mme motho o ka lebelelela yo mongwe ntlo a nna kgakala le ene.

A re kope ba ba mabapi gore ba re lebele matlo,” a bua jalo.

O supile fa gape ba itemogetse gore ka ntata ya mosuke ka malatsi a boitapoloso, manweenwe ba tsaya sebaka sa go tsietsa batho.

A re go na le bangwe ba ba itirang baruti ba supa fa ba na le maatla a go rapelela batho gore matshelo a bone a siame.

O supile fa baruti bao, ba feletsa ba amoga batho madi le dithoto.

A re sepodisi sa Palapye se tlhotlhomisa dingwe tsa dikgang tse batho bangwe ba tsieditsweng ke baruti ba e seng ba nnete, ka jalo a kopa setshaba go ikgatholosa batho ba mofuta oo.

O ne a tlhalosa fa dingwe tsa dilo tse di ba tshwenyang ka malatsi a boitapoloso e le tiriso ya nnotagi phetelela, selo se a tlhalositseng fa nako dingwe se baka gore batho ba dire dilo tse di maswe.

A re ntswa beng ba madirelo a bojalwa mo Palapye ba obamela dinako tsa thekiso ka nako ya malatsi a boitapoloso, mathata a tswa mo go bangwe ba ba dirang modumo o o feteletseng wa diletso, selo se a kaileng fa banni ba ba bapileng le madirelo ao ba se ngongoregela.

Mo go tse dingwe, Supt. Ramaja o ne a ntsha molaetsa wa ipabalelo tseleng a o lebisa ba ba tlaa tsayang maeto go leba kwa mafelong a a farologaneng.

A re go hema dikotsi, batho ba tshwanetse go tsaya maeto a a neng a le mo thulaganyong ya bone mme e bile mesepele ya bone e nne ya motshegare.

O kopile setshaba go obamela matshwao a tsela go hema dikotsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 12 Jul 2018