Breaking News

Ntau o tlhokomela loruo ka tshetlho

12 Jul 2018

Mme wa dingwaga tse 77 wa kgotla ya Bogosing kwa Tsabong  Mme Seolotlegeng Ntau o tlhokomela loruo lwa gagwe ka go thuga tshetlho go dira furu ka a turelwa ke go reka furu  kwa marekisetsong a puso.

Mme Ntau o boleletse BOPA  fa a ne a tlelwa ke mogopolo wa go itirela furu ka tshetlho morago ga go lemoga  fa gantsi pula e le boutsana mo kgaolong eo mme phulo e seo.

A re  go simolola ka 2011 o ne a dira furu ka go  tlhagola tshetlho  mo jarateng ya gagwe,  tsa baagisanyi  le mo motseng  go fitlhelela mo nakong ya gompieno.

Mme Ntau yo o itsegeng ka leina la ‘Mma Segomotso’ o  boletse gore fa a sena go tlhagola tshetlho o a e  omisa  mo lobakeng lwa beke mme morago a e thuge ka motshe gore e felele  e le bopi.

Mma  Segomotso  a re gape  o  kgona go   tlhakanya  tshetlho  le dikelekese (maungo a setlhare sa mokala  a a ratwang bobe ke dihutsane) le letswai mme e nne le tatso e e tshwanang le furu e e rekwang mo pusong.

Tshetlho ke semela se se nang le matlhare a matala mme  gantsi e  tswa fa pula e nele  mme e tsaya lobaka go nyelela. E jewa thata ke dihutshane le dikgomo.

Semela se se tlhoga gongwe le gongwe mo motseng le kwa nageng gantsi mme se bonwa mo Kgalagadi mme se borai mo mothong  fa  se  ka mo tlhaba  fa  a tsamaya ka lonao  ka gore se na le mutlwa o   mosesane o le  kgolokwe gape o  le monnye  .

A re nako e nngwe o dira furu ka go tlhakanya tshetlho le matlhare a setlhare  sa morolwane, a di thuge mmogo di omile.

E re ka jaana loruo lwa gagwe lo le kgakala le ene ka lo nna  kwa morakeng o tlhomamisa gore lo fiwa furu  gabedi ka beke.

Mme Ntau o kaile fa e le mosola thata bogolo jang mo  dipoding ka di ntsha  mashi a mantsi mme seo se thuse dipotsane  gore di gole  ka pele di itekanetse.

O boletse fa a lekile go ruta le go tlhalosetsa barui ba bangwe mme ba palelwa ke go itirela.

Mosadimogolo o supile fa a tlhokafaletswe ke monna mme a setse fela le bana ba a kaileng  fa e le bone ba  mo thusang.

A re gape o ikaegile ka loruo lwa gagwe  ka go mo thusa fa mpuru a faretswe ka go reka lookwane lwa  sediba kana go thusa mo lwapeng.

Mme Ntau o boletse fa a ne a kopa thuso mo ofising ya matlhoko a loruo mo Tsabong mme nako kgolo ke eno ga go na nko e tswang lemina.

Mosadimogolo o boletse fa gape a ikaelela go ya go kopa thuso kwa lephateng la bong le le  thusang thata bomme kana la S&CD go mo thusa ka motshine o o  ka  silang  furu eo ka go ka mo direla tiro motlhofo.

Mma Segomotso a re  fa e sale a simolola go jesa loruo lwa gagwe furu eo lo nonofile  e bile lo ntsifala thata.

Mme  Ntau  o  ne  a tlhalosa fa gantsi pula e na ka boutsana mo Kgalagadi mme o gakolola banni ba kgaolo eo go inaakanya le  go dira furu  eo.

O ne a gwetlha bogolo jang bomme  go tsaya malebela mo go ene ka gantsi e le bone  ba ba tshabelelwang  ke lehuma, go itirela e seng go baya morwalo otlhe fela  mo pusong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 12 Jul 2018