Breaking News

Pholo o dirisa matlakala go dira mekgabisa

12 Jul 2018

E re ka puso e tshwenngwa ke tikologo e e leswe e bile e rotloetsa batho go boloka matlakala, Rre Joseph Pholo yo o tsaletsweng kwa Sefhophe ka 1982 e bile a goeletse teng o itshetsa ka go boloka matlakala go a dirisa go dira mekgabisa.  

Mo potsolotsong le ba BOPA, o supile gore ene ga a a itewa letsogo ntswa a tshotswe ka nako e thuto ya lefatshe leno e tlhabologileng e bile e le mahala.

A re se se mo gwetlhile gore a itsose mo botshelong ka a ne a sa bereke mme a itshwaraganya le ba thuto ga e golelwe kwa toropong ya Selebi Phikwe go ithuta botsipa jwa go inamola mo lehumeng ka go itirela ka diatla.

O tlhalositse gore e ne ya re ka 2016 a simolola dithuto tsa gagwe tsa go fetolela matlakala mo mokgabiseng le go dira jeme ya surunamune le lerotse.

A re o tsere ngwaga mo dithutong.

Mo go tsa matlakala o supile fa a ithutile go dirisa dipampiri tse dikgologolo a di kopantse le metsi a a fisang go dira mmopa o a bopang mekgabisa mme dipampiri tseo bontsi jwa tsone o di tsaya kwa kgotleng ya Sefophe kwa a boneng thotloetso ya go bereka ka natla go supa bokgoni jwa gagwe.

O ne a supa gore ntswa theko ya mekgabisa ya gagwe e se kalo e e leng megopo le dikantini tsa malele tsa mo dikamoreng kgotsa diofisi ga a ineele ka batho ga ba ise ba tlwaele bodiri jwa gagwe mme o dumela gore lengwe la matsatsi ba tlaa dumela fa mekgabisa ya gagwe e le pharologanyo e bile e le ya tlhwatlhwa.

A re o godisa kgwebo ya gagwe ka go bapatsa le go rekisetsa banni ba Sefophe, Selebi Phikwe le ba ba mo kgwebong ya boroko.

A re gape o na le maikaelelo a go tsenelela ditshupo ka seo se ka dira gore a bereke le ka natla ka a tlaa bo a gaisana le bataki ba bangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : SEFHOPHE

Event : Potsolotso

Date : 12 Jul 2018