Breaking News

Limid e tsweletse ka go ba namola mo lehumeng

12 Jul 2018

Mme Matshwenyego Ramogwana wa kgotlana ya Moatshe mo Lerala o rurifaditse fa mananeo a puso otlhe a ka nowa moro morago ga gore lenaneo la LIMID le mo namole mo lehumeng.

Mme Ramogwana a re e rile go bona botshelo jwa gagwe bo thatafalela pele e bile a setse  a tlelwa ke mowa wa go ipona e le motlhoki wa nta e tshetlha a seka a ipona tsapa go batlisisa go le gontsi ka lenaneo la LIMID le a neng a dumela fa le tlaa mo inola mo lehumeng.

O tlhalositse fa a ne a bona lehuma e le selo sa maloba morago ga go thusiwa ka go rekelwa dipodi di le lesome le borobabobedi.

Mme Ramogwana yo o dingwaga di masome marataro le bone o kaile fa kgwebo eo ya go rua dihutshane e mo diretse go le gontsi mo dingwageng tse di fetileng mme e bile e tsweletse ka go tshegetsa botshelo jwa gagwe le ba lelwapa.

O kaile fa dipodi tsa gagwe di atile fela thata ka dipudi di le bogadi bo gaufi.

A re kgwebo ya gagwe e godile ka o rekisetsa puso dipodi gore ba ba mo lenaneong la nyeletso lehuma ba kgone go thusiwa le batho mo motseng mo medirong e tshwana ya manyalo le dintsho o a ba rekisetsa.

Mme Ramogwana o tlhalositse fa a neela dipudi tsa gagwe tlhokomelo ya maemo a ntlha go tswelela di tshegetsa botshelo jwa gagwe.

A re ka dipoelo tse di tswang mo kgwebong, o kgona go tlhokomela ba lelwapa la gagwe fa bontlha bongwe a bo busetsa mo kgwebong ka go rekela dipodi melemo le gone go di lemela.

A re mananeo otlhe a puso a ka nowa moro fela fa batho ba ka nna pelotelele le go emisa go itebela kwa tlase jaaka bomme bangwe ba dira.

A re mo nakong eno o motlotlo ka gore kgwebo ya gagwe e mo inotse  mo lehumeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalethata Malete

Location : LERALA

Event : Potsolotso

Date : 12 Jul 2018