Banka ya BBS e semeletse ka thotloetso ya thuto
11 Jul 2018
Banka ya Botswana Building Society (BBS) e ne ya re bosheng ya abela baithuti ba sekole se se botlana sa Letswai mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone, digalase tsa matlho di le masome a mane le bobedi, tse di lopileng dikete di ka tshwara masome a matlhano a dipula.
Fa a rolela sekole digalase, mookamela lekalana la tsa ipapatso le kanamiso mafoko, Rre Sipho Showa, o tlhalositse fa malwetse a matlho a na le seabe mo go kgoreletseng baithuti mo dithutong.
A re ba bone go le maleba go itepatepanya le seemo sa malwetse a matlho, a supa fa ba ne ba dira thulaganyo ya go tlhatlhobela baithuti malwetse a matlho ka thotloetso ya lekgotla le le ikemetseng la You Live Once(YOLO).
A re BBS ke barotloetsi ba sekole sa Letswai go simologa ka 2013 ka maikaelelo a go ema puso nokeng mo go tlhabololeng thuto.
Ka e se la ntlha banka e abela sekole, e ne ya aga motlobo wa dibuka o o lopileng madi a a ka tshwarang sedikadike sa dipula mme e bile ba ntse ba tsweletse ka go rekela bana ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa dimpho.
Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa YOLO, Rre Michael Morapedi o ne a tlhalosa fa mokgatlho wa bone e le wa bapagami ba dikuta mme ba itebagantse thata le dikgang tsa bopelotlhomogi, segolo bogolo le malwetse a matlho.
O supile fa mokgatlho o, o na le mmantswitswidi wa tsa pono mme selo se se ba tlhofofaletse tiro ya go ka isa ditirelo kwa baithuting.
A re tlhatlhobo eo, e dirilwe monongwaga ka Motsheganong mme ba ne ba kgona go tlhatlhoba bana ba le lekgolo le masome a mabedi le boferabobedi.
Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa Letswai, Mme Phatsimo Keagile, o ne a lebogela dithuso go tswa kwa BBS ka maitlamo a bone a go ba ema nokeng ka dinako tsotlhe, selo se a supileng se ba kgothatsa go ntsha maduo.
Mme Keagile o ne a iteela BBS legofi gore ntswa motse wa bone o le kgakala le ditlamelo seo, ga se kgobe barotloetsi ba bone marapo.
Mothusa tona wa lephata la merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopo leswe, e bile e le mopalamente wa kgaolo, Rre Itumelelng Moipisi, o ne a gwetlha baithuti go tsenya marapo dinameng mo dithutong tsa bone ka jaana ba ka tsoga ba kgona go itshela metsi mo ganong mo isagong.
Rre Moipisi a re e le moeteledipele wa kgaolo, ga a na go swa lentswe go bua ka thuto, ka jalo a re botlhe ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba tshwaraganela thuto ya bana go ntsha maduo.
O ne a tlhalosa fa thuto e le teemane ya botshelo, ka jalo go botlhokwa gore mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore o bereka tiro e e ntseng jang, a itse go bala le go kwala.
Mo go tse dingwe, Rre Moipisi o ne a lebogela seabe sa BBS ka jaana a re motlhala wa bone o bonala mo lefatsheng ka bophara mme a ba kgothatsa go tswelelea ka mowa wa bone wa bopelotlhomogi.
O ne a iteela legofi lekgotla la YOLO ka tiro ya bone mme a tlatsa ka go gwetlha dikompone tse di ikemetseng le tsone go tsenya letsogo go thusa puso go isa ditirelo kwa setshabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mercy Molatole
Location : ZUTSHWA
Event : Kabo ya digalase
Date : 11 Jul 2018



