Breaking News

Mokhanselara Lesole o kgala go ikgagapelela DailyNews

11 Jul 2018

Mokhanselara wa kgaolwana ya Maunatlala mme Salome Lesole o kgadile a sa kgwe mathe mokgwa o o dirwang ke banni ba motse wa gagwe wa go ikgakgapelela pampiri ya dikgang ya sechaba ya DailyNews.

Mme Lesole are o itemogetse fa bangwe ba felela ba dipampiri tsa Dailynews di feta bobedi mme e le tsa letsatsi le le lengwe.

O boletse fa se se baka gore bangwe ba tlhaelwe ke pampiri ya dikgang ba bo ba tlolwa ke dikgang tsa ditiragalo tsa lefatshe ka kakaretso tse a reng di ka bo di tswetse bangwe mosola.

O supile fa go dira jalo e le tshenyetso setshaba ka a re puso e dirisa didikadike tsa madi go gatisa pampiri e.

A re puso e dira maiteko a gore pampiri e ya setshaba e fitlhelele botlhe, selo se a reng ga se diragale ntateng ya mokgwa o o dirwang ke bangwe.

Go lemogeng fa seemo se se golela pele, Mme Lesole a re o ne a tsaya tshwetso ya go boloka dikgatiso di se kae tsa tsatsi lengwe le lengwe kwa ofising ya gagwe gore ope yo o ka tlhokanang le sengwe mo pampering ya setshaba a kgone go e fitlhela, a supa fa kitso e le botlhokwa.

Ba motlobo wa dibuka wa setshaba mo motseng le bone ba ne ba tsibogela kgang e mme ba netefatsa fa ba nna le dipampiri tsa kgatiso ya tsatsi le letsatsi gore ope yo o eletsang go ka e bala a kgone go e latela kwa go bone.

Mookamela motlobo wa dibuka gone mo Maunatlala Rre Morning Nkepe o boletse fa ba gagamaditse molao ba netefatsa fa pampiri ya dikgang e balelwa mo motlobong wa dibuka e sa tswele kwa ntle go fa ba bangwe sebaka sa go tla go e bala.

O boletse fa motlobo wa dibuka wa Maunatlala o na le dipampiri tsa Dailynews tsa go tswa kwa go 2015 e le nngwe tsela ya go netefatsa fa setshaba se sa tlhaele thuto le kitso ka tse di diragalang mo lefatsheng la bone le a mangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Juliah Kotlhao

Location : MAUNATLALA

Event : Phuthego

Date : 11 Jul 2018