Breaking News

Go itsaya motlhala go ka busetsa bojammogo

11 Jul 2018

Kgosana Mokgethi Gaotlotle go tswa kwa kgotlaneng ya ga Monyemane kwa Kang, o gwetlhile banni ba motse go itsaya motlhala go tlhomamisa gore ba tsosolosa mowa wa go abelana, segolo bogolo mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

O buile jalo ka Matlhatso jaaka Kereke ya Evangelical Religious Unity Church go tswa mo Kang ba ne ba abela Mme Tshediso Kgotlane dimpho tse di akaretsang dijo, diaparo le madi.

A re go tswa goo Lowe, batho ba ne ba tshela ka go kgaogana tlhogo ya tsie le baagaisanyi gore bana ba seka ba wela mo isong, mme seo se nonotshe mowa wa bopagano mo bathong.

A re fa batho ba ka tsweledisa mokgwa o montle wa go thusana, botlhoki bo ka fokotsega ka jaana bontsi bo tlaa kgona go bona sebaka sa go tshela botshelo jo bo eletsegang gammogo le gone go nna le seriti.

Fa a tswa la gagwe, Mookamedi wa kereke ya Unity, Moruti James Khumanego, o gwetlhile dikereke le setshaba ka kakaretso go tsenya letsogo go thusa puso go tlhokomela ba ba tlhokileng lesego.

A re batho ba bogologolo e ne e re fa ba boa kwa letsomong ba fete ba abele batlhoki le morafe dinama kwa kgotleng, a  tlaleletsa ka go re ba ba neng ba kgonne go atlega mo temo-thuong ba ne ba abelana le batlhoki ka mananeo a a tshwanang le mafisa le majako.

Fa a ama phuthego ya gagwe ka lefoko, o ne a ba gothatsa gore ba seka ba inyatsa ka bonnyennyane jo ba bo ntshitseng ka ba tlaa amogela tshegofatso e kgolo go tswa kwa Modimong.

Moemedi wa kereke ya Lutere, Rre Henry Maapatsane o ne a kopa ba kereke ya Unity gore tiro e e molemo e ya go abela batlhoki ba seka ba e dira e le ya bone ba le nosi fela mme ba kope dithuso mo mekgatlhong le dikgwebo ka go farologana go e atolosa.

Fa a afa malebo mo boemong jwa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kang, Motshwaramadi, Mme Priscilla Ditlhobolo o ne a lebogela kereke ya Unity go supa lerato ka go abela mongwe yo o tlhokileng lesego mo botshelong.

Le fa go ntse jalo o ne a bua  a sa kgale mathe ka mokgwa o o kukelang wa lefufa, sepolotiki le makgamu a a supang o kgoreletsa kgolo le maiteko a kereke a go aga setshaba.

Mme Kgotlane o ne a supa boitumelo jo bogolo ka go leboga ba kereke ya Unity mme a ba kopa gore ba tswelele fela jalo ka tiro e ntle eo ya go thusa ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Michael Matebele

Location : KANG

Event : Kabo ya dimpho

Date : 11 Jul 2018