Modulasetilo o gwetlha banana go tlhoafala
10 Jul 2018
Modulasetilo wa komiti ya ditshupo Rre Shane Kebadile o gwetlhile banana ba kgaolo ya Ghanzi le metse e e mabapi go dirisa ditshupo tsa kgaolo eo go itlhamela ditiro.
O buile mafoko a ka Labotlhano mo moletlong wa pulo semmuso ya ditshupo tsa Ghanzi o o neng o tsenwe ke Tautona Mokgweetsi Masisi le matona mangwe a puso.
Rre Kebadile a re go tlhabisa ditlhong gore e re bontsi jwa banana bo filwe mananeo ba bo ba palelwa ke go ntsha ditirelo.
O supile gore gangwe le gape fa go na le ditiro mo motseng, go hirwa batho go tswa kwa mafelong a a kgakala ka jaana bone ba palelwa ke go ntsha ditirelo tsa seelo se se beilweng.
A re go maleba gore ba ntshe ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone.
Modulasetilo a re ditshupo di godile fela thata ka jaana di setse di ngoka batho go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe le bajanala tota.
O akgoletse bo radipolase go bo ba godisitse badisa ba bone ka go ba fa leruo, mme a re se se molemo ke gore badisa bao le bone jaanong ba setse ba le mo seemong se se itumedisang ka ba isa diruiwa ditshupong.
O akgoletse puso go bo e kgonne go ba thusa go ya Namibia kwa ba tswang go tsaya malebela ka fa ditshupo tsa maemo a ntlha di tsamaisiwang ka teng, mme a kopa puso go sekaseka le go tswa ka methale ya go tiisa balemi-barui ba banana moko.
Morafe o ne wa nna le sebaka sa go bona mabelo a dintsa e le la ntlha mo ditsong gareng ga disupiwa tse dingwe.
Maphata a puso le a a ikemetseng ka nosi le o ne a ne a bapatsa ditirelo tsa one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GHANZI
Event : Pulo semmuso ya ditshupo
Date : 10 Jul 2018



