Breaking News

Batsadi ba rotloediwa go tsaya boikarabelo

10 Jul 2018

Batsadi ba rotloediwa go nna le maikarabelo mo kgodisong ya bana le go nna le seabe mo thutong.

Fa a bua mo thuto-puisanyong le batsadi ba bana ba bone ba tsenang sekolole se segolwane sa Taung bosheng, mogokgo Mme Faith Tshiamo o supile fa ba tshwanetse gore e le batsadi le barutabana ba nne le seabe sa go aga ngwana gore a nne le maikarabelo mo botshelong.

Mme Tshiamo o tlhalositse fa batsadi ba tshwanetse go fa bana lorato le go tshwaraganela thuto gore ba tsene sekole sentle.

O ne a tlhalosa fa mathata a ba a itemogetseng mo sekoleng e le go lofa le botlhoka tsebe jwa baithuti bangwe.

Mogokgo o ne a supa fa bontsi jwa baithuti ba ba tlhokang tsebe e le basetsanyana, mme e bile bangwe ba bone ba sa nne mo malwapeng, ba bonwa mo mekgwatheng.

O ne a supa ngongorego e nngwe ka batsadi ba ba sa nneng mo malwapeng.

A re se se dira gore ba seka ba tsaya boikarabelo mo go boneng gore tiro ya bana ya sekole e a dirwa.

Mme Tshiamo o ne kopa batsadi go ema ka dinao mo kgodisong ya bana gore ba nne le seriti.

Fa a tswa la gagwe, mogakolodi kwa University of Botswana Mme Montshwari Mabote o tlhalosetse fa batsadi ba tshwanetse go tlhokomela matlhoko a ngwana go tswa bonnyeng.

Mme Mabote o ne a supa fa lelwapa e le lone sekole sa ntlha mo ngwaneng, ka jalo batsadi ba tshwanetse go fa ngwana kaedi e e siameng.

O ne a supa fa go na le batsadi ba ba sa neeleng bana lorato, ba nna fela ba le bogale, mme seo se dire gore bana ba seka ba nna ka phuthologo.

O ne a tlhalosa fa banana ba lebaganwe ke dikgwetlho mo go goleng ga bone, mme e le batsadi ba tshwanetse go nna ditsala le bone le go ba fa nako gore ba utlwe matshwenyego a bone.

Mme Mabote o ne a rotloetsa batsadi gore ba tswelele ba naya bana tlhokomelo e ba e tlhokang le go ba rotloetsa mo dithutong.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mosadi Seboko wa Balete o ne a supa boitumelo ka go bo thuto-puisanyo le batsadi e le yone ya ntlha go tshwarwa mo ga Mamalete.

Kgosi Mosadi o ne a tlhalosa fa botsadi jo bo nonofileng e le yone konokono mo go godiseng thuto ya tlhwatlhwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gogontle Sanka

Location : TAUNG

Event : Thuto-puisanyo

Date : 10 Jul 2018