Breaking News

Batswana ba rotloediwa go phepafatsa tikologo

10 Jul 2018

Mogolwane go tswa kwa lekgotleng la botsogo la District Health Management Team (DHMT) kwa Kanye Mme Pontsho Keretetse o rotloeditse ba-na-le seabe botlhe go tshwaragana mo go phepafatseng tikologo.

Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela dikgaisanyo tsa phepafatso tikologo ya khansele-potlana ya Kanye kwa Gasita bosheng o ne a supa fa go tshwaraganela go lwantsha mathata a kgotlelesego ya tikologo mo Botswana, go ka tsisa maduo.

Moletlo o wa go ipelela dikgaisanyo tsa phepafatso tikologo o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Bophepa jwa Tikologo - re sa Tlogele Ope kwa Morago.

Mme Keretetse o tlhalositse fa setlhogo sa monongwaga se supa fa go le botlhokwa gore ba-tsaya karolo botlhe e bong magosi, dikomiti tsa ditlhabololo, ba Ipelegeng, badirela puso, bagwebi le morafe ba seka ba tlogelwa kwa morago gore Botswana a tswelele ka go nna phepa.

Ka jalo, a re go botlhokwa gore thuto le kitso di fiwe setshaba gore batho ba ikgaphe mo go tshwareng le go latlha matlakala ka mekgwa e e sa letlelelweng.

A re le fa thuto ka phepafatso tikologo e tswa kgakala e dirwa, go supagetse fa go santse go na le batho ba ba nang le mekgwa le tlhaloganyo e e sa rekegeleng go sireletsa tikologo.

Mme Keretetse  o boletse fa mekgwa e, e akaretsa go tshuba matlakala mo lwapeng mo go bakang kgotlelesego ya loapi le phefo e e hengwang, go epa mesima go tsenya matlakala  mo go feletsang go bakile dithotobolo, go tshololela matlakala a a tshwanang le mafura a dikoloi le gone go kgotlela metsi a a kwa tlase ga lefatshe.

A re metse e tsweletse ka go gola ntateng ya ditlhabololo mme go lemosegile fa koketsego ya matlakala e gola mme a kopa tshwaragano go lwantsha seemo se.

Go hema seemo se, o boletse fa khansele-potlana ya Kanye e itlamile go diragatsa molawana wa khansele ya Borwa wa tlhokomelo matlakala wa 2018, ga mmogo le wa kolelo matlakala wa 1998.

A re badiredi ba lephata la botsogo ba tlaa tsena mo malwapeng le mo madirelong ka go farologana go tlhola gore a banni ba tlhokomela tikologo tsa bone.

A re molawana o, o tlama monni mongwe le mongwe go nna le sebeelo sa matlakala fa a letile go ya go latlhwa, o ba tlama go nna le thulaganyo ya go tseelwa matlakala go ya go latlhelwa kwa lefelong le le beilweng ka fa molaong, a tlatsa ka go re ope yo o sa saleng ditsetlana tse morago o tlaa pegwa dikotlhao se di gagametseng.

O boletse fa khansele ya Borwa e na le mananeo a a tlaa thusang go rarabolola kgotlhelesego tikologo jaaka go  nna le matlwana a a tlhabolotsweng a matlakala, lefuti le letona la matlakala, gareng ga tse dingwe.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa ofising ya Environmental Health Mme Letty Regonamanye o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go lemoga ba-na-le seabe le baithaopi botlhe ba ba nnileng le seabe mo go phepafatseng tikologo, go lemoga boleng jwa metse ka fa e dirang ka teng mo go phepafatseng tikologo, go abalana megopolo le kitso ka tsa phepafatso tikologo.

A re a mangwe maikaelelo a akaretsa go lemoga le go abela botlhe ba ba dirileng sentle mo go phepafatseng tikologo ya metse ya bone, go supa dilwana tse di dirilweng ka matlakala le go rotloetsa botlhe go fokotsa manokonoko a go kgotlela tikologo le tlhokomelo ya matlakala le go rotloetsa mowa wa boithaopo le go tsosolosa dikomiti tsa botsogo gareng ga tse dingwe.

Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Kanye Rre Bathusi Regoeng le ene o ne a rotloetsa Batswana go emisa go latlhela matlakala gongwe le gongwe mme ba a dirise go itshetsa ka one.

A re ka 2015, metse e tshwana  le Kanye le Gasegwagwa ba ne ba fenya dimpho morago ga gore ba dire sentle mo dikgaisanyong tsa phepafatso tikologo mme a supa fa e rile ngogola, kgaolo ya Borwa e ne ya retelelwa ke go tsaya mpho.

Ka jalo, o ne a kgothatsa banni ba metse e e mo kgaolong ya Borwa go tshwara ka natla ka go dirisanya le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse gore tikologo tsa bone di  nne phepa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoloki Mauco

Location : GASITA

Event : Moletlo wa go ipelela dikgaisanyo tsa phepafatso tikologo

Date : 10 Jul 2018