Mapodisi ba abela mongwe ka bone
10 Jul 2018
Ba sepodisi sa Botswana ba abetse Mme Ofentse Keabilwe ntlo ka mafelo a beke kwa Mahetlwe.
Fa a bua kwa kabong ya ntlo eo, mookamela sepodisi sa Botswana, Rre Keabetswe Makgophe o lebogetse mapodisi a South Central go bo ba apesitse mongwe ka bone seriti ka go mo agela mosasana.
A re go dira jalo ke gone go diragatsa matshego a tebelopele ya 2036, segolo bogolo le le buang ka go tlhabolola motho, gape ke sekao sa letshego le le buang ka kagiso le tshireletsego ya botlhe, a kaya gore ga go kake ga nna le kagiso fa go na le lehuma.
Rre Makgophe o gateletse gape gore kagiso le tshisibalo di ka nna teng fela fa morafe le mapodisi ba ka tshwaragana ba dira mmogo.
A re ntlo eo ke ya bomasome a matlhano le bone e ajwa ke mapodisi.
Kgosi Kgari III le ene o ne a iteela mapodisi legofi a re o lebogela bomolemo jo ba bo dirileng, a tlatsa ka go re go a tlhokafala gore morafe ka kakaretso o thuse mapodisi.
A re tiro e mapodisi a e dirileng e tona, e bile ga e motlhofo go dirwa ke motho a le esi mme go supagetse gore fa e pataganelwa e nna motlhofo.
Mme Keabilwe, yo o neng a thapilwe ke ba sepodisi sa Botswana e le Special Constable ka 2013, o ne a patelesega go tlogela tiro ka ntlha ya bokoa morago ga dingwaga tse tharo.
E rile a afa pego ka ntlo eo, Mookamela mapodisi a South Central kwa Gaborone Rre Matthews Letsholo a tlhalosa fa Mme Keabilwe a ne a direla kwa Central Police.
A re e ne ya re a sena go tlogela sepodisi ba leka go tlhomamisa gore o nna kae le gore ba ka mo thusa jang mme ba fitlhela a sena fa a nnang teng.
Ka jalo, Rre Letsholo a re ba ne ba mmatlela setsha ba bo ba se teratela ba tsenya le metsi.
A re e rile go lemoga gore go direla mongwe ka bone bonno jo bo tlhomameng ke kgwetlho gape go batlega dilo tse dintsi, ba tsenya mabogo mo dipateng go kgobokanya madi.
O kaile gape fa tiro eo e ne e tlhoka le go kopa dithuso mo barotloetsing gore e felele.
Ka jalo dikompone di tshwana le Furn Mart, Tile Africa le Fair Grounds Holdings ba ne ba ba tiisa moko ka go ba thusa ka dingwe tsa kago.
Rre Letsholo a re ka tsone dithuso tseo le kemo nokeng ya ba-na-le seabe ka go farologana ba ne ba kgona go agela Mme Keabilwe ntlo e e nang le dikamore tsa borobalo di le pedi, di na le ntlwana ya boitiketso e e dirisang metsi le matlhapelo, gape e na le kamore ya bonno le ya boapeelo.
A re tse tsotlhe di lopile P210 000.
Le fa go ntse jalo Mme Keabilwe o kaile fa a itumeletse mpho eo thata, a tlatsa ka go re ba sepodisi ba supile boammaruri. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MAHETLWE
Event : Kabo ya ntlo
Date : 10 Jul 2018



