Breaking News

Setlhopha se phomeletse ka lenaneo

09 Jul 2018

Motlhopha ntshi ke yo o kgorang, segolo bogolo mo malatsing a gompieno a mebereko e leng thata go bonwa.

Rre Daniel Matomela wa kgotla ya Bokaa kwa Mahalapye ke mopaki wa se morago ga gore a kope thuso ya nyeletso lehuma go rua dihutshane a bo a iphitlhela a tsentswe mo setlhopheng sa ba lenaneo la ba ba kgethileng go gweba ka dithaere.

Rre Matomela yo o eteletseng pele setlhopha seo a re ga a ise a tlhole a re kamoso, a inaakanya le kgwebo e ba neng ba ya go e rutelwa kwa Gaborone.

Ba dira mekgabisa, ditilo, ditafole, mekoro le mabeelo a dithunya mme kgwebo e supa kgolo.

A re ba similotse ba le batlhano mme ya re ba tsweletse boraro jwa iphotsha mo setlhopheng.

Se a re ga se a ka sa ba kgoba marapo ka ba tsweletse le metse e e sebapi ba kgatlhegela dithoto tsa bone le theko e a nametsa.

Matshwenyego a matona a re ke go tlhoka koloi go ipapatsa le gore e re motho a se na go reka, ba mo isetse dilwana kwa a di batlang teng.

Rre Matomela a re keletso ya bone ke gore mo lebakeng le le khutshwane, ba bo ba hirile ba ba ba thusang ka setshwarwa ke ntsa pedi se se thata.

Rre Matomela a re ba dikile ba tseneletse ditshupo tse dipotlana tsa Mahalapye tsa nyeletso lehuma mme ba gapa maemo a ntlha le a bobedi le P1 700.

A re morago ga ditshupo tsa Mahalapye, ba ne ba ya go tsenelela makgaolakgang kwa Gaborone kwa ba fetileng ba kgona go rekisa dithoto tsa bone ba dira madi fela a mantsi.

Rre Matomela o kaile fa ba tsenelela ditshupo ka bontsi, ka e le gone kwa ba dirang madi a mantsi teng.

“Lorato mo tirong e o e dirang ke konokono go ntsha maduo ga mmogo le bopelotelele le go bereka ka natla,” Rre Matomela a tlhalosa

O gwethile Batswana go ikemela ka dinao go nyeletsa lehuma a kaya fa puso e thapholotse letsogo ka mananeo a re batho ba tsaye mananeo a a gautshwane le pelo tsa bone ka se e le sone se ka ba isang katlegong.  A re banana ba emise go lwela Ipelegeng le bagolo ka mananeo a, a diretswe bone go intsha mo lehumeng le ba malwapa a bone le bone batsadi ba ba lwelang Ipelegeng le bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 09 Jul 2018