Monna o itshetsa ka petlwana
09 Jul 2018
E a re fa bangwe ba ineela morago ga go sa dira sentle mo dithutong, bangwe ba nne le tsholofelo ka dipati tsa botshelo di seke di tswalega tsotlhe.
Rre Modise Monyeki wa Mokobeng o supile fa thuto e se yone fela go ka ikaegwang ka yone go itshetsa.
A re e rile fa sekole se sena go pala ka 2002, a bereka e le modisa dingwaga tse pedi mme ka tlhogo ya monna e le matsatsa, a ipotsa gore a ka e le mmetli, o ka seke a ja ka petlwana.
“Ke ne ke tsaya nako e ntsi ke le fa morago ga loruo, ke bolawa ke bodutu. Nako nngwe ka kgetla logong ka simolola go betla.
Ke simolotse ka go betla thutlwa,” Rre Monyeki a tlhalosa.
A re o ne a lemoga fa a na le bokgoni le lorato lwa go bereka ka logong, mme a simolola go nna a betla diphologolo ka mefuta, dintshwana le diphetlho, se jaanong sa fetoga go nna selo modiro.
Go lemogeng fa a dira tiro e ntle, a re nkukuagwe o ne a mo rotloetsa go simolola go rekisa dithoto tsa gagwe mme a dira jalo ka bontsi bo ne bo di kgatlhegela.
Ka Mokobeng e ne e sa ntse e le motsana, Rre Monyeki a re kgwebo e ne e le boutsana mme a tlamega go fudugela kwa Palapye ka 2007 ka teng go ne go na le palo e ntsi ya batho le dikgwebo.
Go gorogeng kwa Palapye fela jaaka borre ba bangwe, a kgatlhegela go bereka kwa moepong wa Morupule, ga nna fela jalo, a bona tiro mme a tswelela le petlwana fa a na le sebaka.
A re ga go ise go e gope a bo a tlhoboga dituelo tse di kwa tlase tsa moepo a bo a inaakanya gape le go betla.
Fa e sale gone foo ga a ise a tlhole a gadima kwa morago, mme a ikitaya sehuba go godisa kgwebo ya gagwe.
Rre Monyeki yo o direlang kwa kgotlaneng ya Khurumela.
A re kgwebo ya gagwe e dira dipoelo tse di nametsang e bile bontsi jwa dilo tse a di dirisang go betla o di tsaya mo ditlhareng tsa tlholego ntleng le dituelo dipe mme tse a di rekang di tsena mo letsogong e bile di se turu.
A re go mo tsaya letsatsi kgotsa a mabedi go betla phologolo mme tse di potlana a kgona go dira bontsi mo letsatsing le le lengwe.
A re bontsi jwa bareki ba gagwe ke bagwebi le batho ka bongwe ka bongwe ba gantsi ba mo latelang kwa lapeng.
Rre Monyeki a re o gwetlhiwa ke sengwe le sengwe se se diragalang mo lefatsheng kgotsa bareki ba mmolelala se ba se batlang gore a se betle.
Rre Monyeki ga a ise a ye sekoleng sa go betla.
A re o dirisa talente e a e filweng ke Modimo a re o kgona ka go bo a rata le go dumela mo go se a se dirang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bonte Seepi
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 09 Jul 2018



