Breaking News

Mohama wa temo-thuo o wetse tlase

09 Jul 2018

Mothusa tona wa lephata la peeletso, papadi le madirelo, Rre Moiseraele Goya a re fa lefatshe leno le sena go tsaya boipuso temo-thuo e ne e le pinagare ya itsholelo ya lefatshe, seabe sa yone se tsamaya kwa go masome mane mo lekgolong mme mo nakong eno se wetse kwa go masome mararo.

O buile jaana a bula semmuso ditshupo tsa Tswapong Bokone ka Labotlhano.

Rre Goya a re seo ke kgwetlho mo lefatsheng leno ka go tshwanelwa ke gore go tlhoafalelwe mhama wa temo-thuo gore o boele kwa o neng o le teng.

A re Batswana ba tshwanelwa ke go tlhoafalela kabakanyo ya itsholelo go tswa mo go ikaegeng ka di-tswa mmung go ya kwa dikitsong, papadi, peeletso le madirelo, temo-thuo, bojanala, bodiragatsi, botaki, metshameko le ngwao.

A re tse ke nngwe ya tse di ka nankolwang go supa fa go na le mehama e mentsi e Batswana ba iseng ba e anywe ka botlalo.

A re puso e itlamile go tsosolosa itsholelo ka mananeo a tshwana le la ISPAAD, LIMID, nyeletso lehuma, ESP le mananeo a banana le a bomme.

A re go supagetse fa mehama e le mananeo a, di na le bokgoni jo bo nonofileng jwa go tlhamela batho ba le bantsi ditiro ka mo nakong eno letlhoko la ditiro le ile magoletsa.

Fa a itebaganya le Tswapong Bokone, Rre Goya o ne a tlhalosa fa mhama wa thuo o dira sentle ka jaana go na le dikgomo di le 152 431, dipodi di le 52 274, dinku di le 11 537, dikolobe di le 212 le dikoko di le dipalopalo.

Rre Goya a re Tswapong Bokone e kgona go itshetsa ka nama ya kgomo, ka mo ngwageng o o fetileng go nnile le nama ya bokete jwa 1 882 tons e le dikgomo tse di ileng kwa marekisetsong a nama. A supa fa dikgomo di le 9 410 di ne di tswa mo kgaolong.

Le fa go ntse jalo, Rre Goya o ne a supa matshwenyego ka go sa direng sentle mo mhameng wa mashi le nama ya kolobe, ka go na le tlhaelo e tona mme go felele go ikaegiwa ka tse di tswang kwa ntle ga kgaolo.

A re se ke tsiboso mo banning gore ba tlhoafalele mehama e, ka e na le mmaraka kana dipoelo tse di botoka ka jaana bana ba dikole tse dipotlana ba a nwa mashi.

O ne a supa fa go na le kampa ya kgwediso ka seatla kwa Makoro, mme yone e tsaya dikgomo di le 300 ka paka ya kgwediso, mme jalo barui ba rotloediwa go e dirisa le go dirisa Farm Artificial Insemination ka jaana kampa e sa kgone go kgotsofatsa kgaolo. A re go na le temo ya nosetso, mme yone e dira sentle mo kgaolong ka jalo mofuta o wa temo o na le dipoelo tse di kwa godimo, mme banni ba tshwanelwa ke go inaakanya le one.

O ne a kopa batsadi go rotloetsa bana go inaakanya le metshameko ka go farologana gore ba kgone go itshetsa ka yone ka go setse go supafetse fa e ka kgona go ba tshetsa bogolo jang mabelo.

Rre Goya a re puso e itlamile go oketsa madi a thuto, ka jalo mhama wa tlhabololo dikitso le one o tshwanetse go tsewa tsia ka lefatshe leno le bona dipoelo mo go one.

A re lefatshe leno le ka simolola go tsenya letseno ka go romela baitseanape kwa ntle ga lefatshe leno fa maiteko a puso a ka tshegediwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MAUNATLALA

Event : Pulo semmuso ya ditshupo

Date : 09 Jul 2018