Breaking News

Masogo o bolokilwe

09 Jul 2018

Setshaba se ne se tshologetse phitlho ya ga Kgosi Keetla Masogo kwa Palapye ka Matlhatso yo o tlhokafetseng Seetebosigo a le 29 morago ga go lwala ka lobaka.

Kgosi Masogo yo e neng e le kgosi wa tetlanyo, o kailwe e ne e le morutegi wa popota, a le lorato, senatla e bile a na le tebelopele gape a sa tseye lotlhakore fa a ntsha dikgakololo kana a tsaya ditshwetso ka nako ya fa a santse e le modirela puso. Molaetsa wa matshidiso wa ga Tautona Mokgweetsi Masisi o supile fa Kgosi Masogo e ne e le modirela puso wa tlhotlhwa ka a ne a tshwara maemo ka go farologana mme a direla lefatshe leno ka boineelo le bokgabane.

Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya o kaile fa Kgosi Masogo a ne a na le seriti, ke ka moo a neng a tlhongwa kgosi ya tletlanyo ka 2016. Rre Goya a re e re ka go twe kgosi thotobolo e olela matlakala, Kgosi Masogo o ne a na le pelo go reetsa tsotlhe tse morafe o tlang ka tsone.

A re Kgosi Masogo o tsere karolo e kgolo mo ditlhabololong tsa Palapye, a ntsha dikgakololo le mafoko a kgothatso. A re go bo a kile a tshwara maemo a mokwaledi kwa maphateng a puso ka go farologana, go supa fa e ne e se Kgosi fela, e le kgosi e e mebalabala ya dithutego.

A re ka 1978 fa e ne e le mokwaledi lephata la thuto, Kgosi Masogo o ne a nna le seabe se segolo go gakolola ka tsamaiso le mananeo a thuto e e fiwang Batswana.

“Barutabana ba nako eo, ba ba neng bo tshabega, ba tlotlega, ba dira ka botswapelo, ba ne ba eteletswe ke ene,” Rre Goya a tlhalosa. Tona wa dikgaolo le tlhabololo Magae, Dr Pelonomi Venson-Moitoi o kaile fa Kgosi Masogo e ne e le senatla mo tirong ya bogosi a dirisa dithutego tsa gagwe.

A re Kgosi Masogo o ne a rata dilo tse di tlhamaletseng. Dr Venson-Moitoi a re Kgosi Masogo o dirile tiro ya gagwe a santse a le mo botshelong a bereka ka natla go direla Botswana. A re Botswana o tlhoka dikgosi tsa sebopego sa ga Kgosi Masogo go gatela pele mo ditlhabololo BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : PALAPYE

Event : Phitlho

Date : 09 Jul 2018