Breaking News

Ba-na-le bogole ba mo dikgaisanyong

09 Jul 2018

Ba-na-le bogole go tswa kwa Palapye, Serowe, Mahalapye, Bobonong le Selebi Phikwe ba ne ba kopanetse kwa sekoleng se sebotlana sa Ratsie Setlhako kwa Palapye se e le sengwe sa dikole tse di nang le matlo a borutelo jwa ba-na-le bogole, mo dikgaisanyong tsa metshameko.

Metshameko e, e ne e akaretsa go tlola, mabelo, mosepele, bolo-tloa, kgwele ya dinao le go thuma.

Mookamela lekalana la phiro go tswa kwa moepeong wa magala kwa Morupule, Rre Tom Mongale o supile fa go le botlhokwa gore bana bao fela jaaka ba bangwe ba akarediwa mo metshamekong, ba rotloediwe ba bo ba amogelwe ke setshaba gore le bone ba na le bokgoni le ditalente ka go farologana.

Rre Mongale a re mafelo a borutelo a tshwanetse go bonala a se na kgethololo ya mofuta ope kana ya seemo sa bogole jwa motho go fitlhelele tse ditlhokegang gore ba didirelwe.

A re matlo a borutelo a tshwanelwa ke go nna mo seemong se se letlelesegang gore mongwe le mongwe a a dirise ntle le go kgoreletsega le mabala a tshwanetse ya nna a seemo se se akaretsang bana botlhe go godisa ditirelo le tswelelelo pele ya dikole.

Moono wa dikgaisanyo e ne e le, Are You All In, Play Unified, setlhogo se se gwetlhang mongwe le mongwe le ba tsaya karolo mo kgodisong ya bana go tsaya maikarabelo.

Rre Mongale o gateletse botlhokwa jwa metshameko ya ba-na-le bogole a re eka tsibosa le go bula batho matlho le go tlhaloganya gore go nna le bogole ga go reye goremotho ga a kake a kgona go ntsha maduo fa a filwe sebaka sa go itshupa.

A re metshameko e ka fetola le go tsisa tsholofelo le katlego mo botsogong.

Bogole jwa tlhaloganyo gantsi a re bo bosupagala fa motho a sa kgone go tlhalosa sentle, e ka nna ka puisano kana ka go sa supeng botlhale jwa go itlhokomela sentle, a re tseo di ka kgoreletsa dithuto tsa gagwe ka a tlaa bo a le bonya go na le ngwana yo o senang bogole.

Rre Mongale a re fela fa setshaba se lemoga go sa itekanelang le go tlhaela bokgoni ga bana, se simolola go ba rontsha ditshwanelo tsa bone le go sa ba tlotla ba bo ba felela ba latlhegelwa ke tshepho le tsholofelo ya botshelo.

A re mo botshelong, mongwe le mongwe o tshwanetse go fiwa sebaka sa go lemoga talente ya gagwe, a tlatsa ka gore thotloetso ke selo se se botlhokwa ka e ka isa motho kwa mankalengkaleng.

Rre Mongale o gateletse botlhokwa jwa go tshwaraganela kgodiso ya ngwana, a re ke maikarabelo a botlhe go thusa mo thutong. A re moepo wa Morupule o abela dikole ngwaga le ngwaga go balelwa le dikago tsa magasigasi tse ba di agetseng sekole seo. Moemedi wa komiti ya ba-na-le bogole, Mme Babilimi Letebele a supa fa metshameko ya ba-na- le bogole jwa tlhaloganyo e akaretsa bana go tswa dingwageng tse pedi go ya kwa go tse di masome a ferang bobedi mme e bile ba ka kgona go tsena mo metshamekong.

A re ngwaga le ngwaga ba nna le dikgaisano tse, go inonotsha, go ikgothatsa le go lemoga bokgoni jwa bana, go ba fa sebaka sa go itumela le go dira botsalano le ba bangwe.

A re le fa go ntse jalo, ka nako ya fa go tlhophiwa ba ba yang go emela lefatshe kwa dikgaisanong tsa mafatshe go tlhophiwa ba sekae fela ka khupele-khupele ka go dumelwa ba botlhe e le bafenyi.

Mme Letebele a re go na le metshameko e mengwe e ba-na-le bogole ba e kopanelang le ba ba senang bogole gore ba ba rotloetse.

Kgosi Isaac Lebang wa kgotlana ya Boikago, o akgoletse puso seabe sa yone mo go lemogeng ba-na-le bogole le go ba fa sebaka gore le bone ba supe bokgoni jwa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Dikgaisano

Date : 09 Jul 2018