Bolokang madi pele ga le aga malwapa
09 Jul 2018
Baratani ba kopilwe go dira lenaneo le le tsepameng jaaka go boloka madi dikgwedi di le thataro pele ga mme a ka simolola go ima pele le go tsola bana.
Se se builwe ke mogolwane go tswa kwa lekgotleng la Botswana Family Welfare Association (BOFWA) Rre Phenyo Ntoko kwa phuthegong ya kgotla ya borre kwa Kanye bosheng.
Rre Ntoko a re go boloka madi go botlhokwa thata ka jaana mme yo o imileng o ka kgona go dirisa madi ao go ya go bona ba bongaka fa a ka lwala kana ngwana a le mo diphatseng
O ne a bolela fa go le botlhokwa gape gore baratani botlhe ba bo ba itekanetse mo mmeleng le mo tlhaloganyo pele ga ba ka tshola bana.
Ka jalo o ne a ba rotloetsa go itshidila mmele ka nako tsotlhe go hema malwetse a tshwana a sukiri le madi a matona a a laolesegang, a ba rotloetsa gape go ja dijo tse di itekanetseng ka go fokotsa letswai le lentsi le dijo tse di apewang ka mafura, go goga motsoko le go nwa bojalwa phetelela gareng ga tse dingwe.
O ne a kopa borre gore ba eme bomme nokeng ka jalo a ba gakolola go etela kwa dipateleng le bakapelo kwa ba ka neelwang dithuto tsa pelegi gore ba kgone go ima ka nako e maleba mme supa gore fa baratani ba ka sala ditaelo tse morago, ba ka tsola bana ba ba itekanetseng.
O ne a gakolola borre gore ba rotloetse bakapelo ba bone ba ba imileng go ja dijo tse di siameng, go etela kokelwana le mme gore ba itse se se diragalang le go dirisa sekausu nako tsotlhe fa mme a imile gore a seka a tsenwa ke malwetsi.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa lekgotla la Men Sector mo Kanye Rre Eddie Kgomotso o ne a rotloetsa borre go ema bo mme nokeng fa ba imile, a supa fa a lemogile gore borre ba le bantsi ba nna le letshogo fa bo mme ba imile ka jalo, a re go botlhokwa gore borre ba ithute ka go botsa ba bongaka le borre ba bangwe le gone go bala tota.
A re therisanyo gareng ga baratani ke yone konokono e mo go yone rre le mme batla utlwanang ka yone bogolo jang fa mme a imile.
Fa ba akgela, borre ba boletse fa ba kgojwa marapo ke borre ba bangwe ka jaana bontsi jwa bone ba rata go hakgamala kana ba ba kgala fa ba dira ditiro tse di neng di dirwa ke mme pele a ima.
Ba ne ba supa fa ba kgojwa marapo gape ke baoki ka go nna ba ba botsa dipotso tsa gore mmagwe ngwana o kae fa ba ba isitse kwa dipateleng, mme ko bofelong ba ne ikana go emela dikgang tse ka dinao le go fetola ka fa ba akanyang ka teng le go tsaya boikarabelo nako tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoloki Mauco
Location : KANYE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 09 Jul 2018



