Breaking News

Kgosi o kgala modumo o o kwa godimo mo motseng

09 Jul 2018

Mothusa kgosi kgolo wa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o kgadile a sa kgwe mathe modumo o o kwa godimo mo motseng o o tswang mo marekisetsong a bojalwa, meletlo le tse dingwe.

O buile jaana mo phuthegong ya kgotla mo Mochudi ka Matlhatso fa a lekodisa morafe ka seemo sa motse wa gagwe.

A re marekisetso a bojalwa a dira modumo o o kwa godimo letsatsi lotlhe mme e bile go sena letsatsi le ba emisang go letsa ka lone.

A re marekisetso ao, ga a obamele melao e e beilweng ya thekiso ka ba rekisa ka diokomelabagwe nako ya thekiso e ise e simolole.

Kgosi Sekai a re morafe o tshwanetse go emelana le diemo tseo go leka go tokafatsa matshelo a bone le a bana ba bone ka modumo oo o sa ba siamela, segolo bogolo jang ba ba nnang go bapa le madirelo ao.

A re le ntswa go na le melao e e tsepameng ya puso go baakanya seemo seo, go lebega go na le bangwe ba ba santseng ba sa e obamele mme gape ba sa tseelwe dikgato tse di maleba.

A re le mororo dipego di goroga kwa go ba sepodise le khansele, ga go nko e e tswang lemina ka marekisetso ao a ntse a tsweletse ka go tsosa modumo fela o o kwa godimo.

Kgosi Sekai a re modumo oo, o ama le maduo a bana ba dikole ka ba sa kgone go dira tiro ya sekole kwa malwapeng, mme bangwe bone ba ya teng kwa medumong go itisa le ntswa ba le dingwaga di kwa tlase.

A re batho ba malwapa a bapileng le madirelo ao ga ba bone boroko ka ntlha ya modumo oo mme se se bake malwetse.

Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, e bile e le Mokhanselara wa Boseja Legare, Rre Mpho Morolong a re modumo wa mo motseng o tshwentse morafe otlhe ka go sena yo o sa leleng ka one.

A re go na le mabaka a le mmalwa a a dirang gore modumo o felele o palela khansele jaaka go hirisiwa ga madirelo a bojalwa.

A re fa ba sena go atlholela madirelo go tsosa modumo, mong wa madirelo o boa a fa o mongwe teseletso ya go a dirisa mme le ene a boelele phoso e e neng e dirwa ke yo mongwe.

Le fa go ntse jalo, Rre Morolong a re ga ba ise ba felelwe ke tshepo ya go laola modumo mo madirelong a bojalwa ka ba santse ba tsweletse ka go kopa dithuso.

A re morafe ke one o ka thusang fela thata fa ba ka nna le tirisano mmogo mme ba kgaleme fa ba bona motho a dira selo se se seng ka fa molaong.

Rre Morolong a re khansele e santse e tlaa kopana le baruti go buisana ka modumo o o bakwang ke dikereke ka le one o le kwa godimo.

Mogolwane wa sepodisi, Superintendent Gilbert Mathumo a re setshaba ke sone se se dirang gore dilo dingwe di pale go rarabologa ka ba sa begele mapodisi fa ba bona motho a tlola molao.

A re batho ba ba dirang modumo ka dikoloi tsa bone le kwa madirelong ba a itsewe mme batho ba tlhalosa fa ba ba tshaba.

A re ba ba fang diteseletso tsa thekiso ba na le gore ba ka gana ka teseletso fa motho a sa obamele melao.

Supt. Mathumo a re bontsi jwa madirelo bo fetola bodiredi nako le nako mme se se busetse ba sepodise kwa morago.

O kopile setshaba go nna matlho a bone ka ba leka ka bojotlhe go ba thusa le go ba sireletsa.

E rile a akgwa Kgosi dikgaba, Rre Segale Molefe a re bana ba kganelwa ke diemo di tshwana le medumo le dinotagi go fitlhelela ditoro tsa bone mme tharabololo e mo morafeng.

A re bana ke bone bokamoso ka jalo ba tshwanetse go tlhokomelwa ke morafe gore ba tle ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone tse di ka tsogang di tlhabolola lefatshe la bone.

O gakolotse morafe go emela kgang ya modumo ka dinao ka go tswa ka ditharabololo tse di farologaneng go ritibatsa seemo seo. ENDS

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Jul 2018