Sekgaudi o lebogela lenaneo
08 Jul 2018
Mme Letsema Sekgaudi wa Mogonye mo kgaolong ya Borwa, o lebogetse puso seabe sa yone mo go fetoleng matshelo a Batswana ga mmogo le go ba ntsha mo lehumeng ka maneneo a nyeletso lehuma.
Mo potsolotsong, Mme Sekgaudi wa dingwaga tse 38, a re o leboga puso ka go mo thusa ka thuo ya dipodi ka 2016.
O tlhalositse gore lenaneo le, le tsile ka nako e e maleba ka e le motho yo o ratang temo-thuo, e bile a goletse mo lelwapeng le le tswang kgakala le rua e bile le lema.
A re seo se dirile gore a nne le kgatlhego e ntsi mo go nneng le moraka wa dihutshane.
A re dipodi di bogadi bo gaufi ka di tsala gabedi mo ngwageng, e bile di se dingalo go tlhokomelwa, mme o ne a fiwa dipodi di le lesome le bongwe, phoko le dinamagadi di le lesome.
Mme Sekgaudi a re dipodi tse o di ruetse mo tshimong ya ga bone gaufi le tamo kwa ntle ga motse e bile a re o lemogile gore ga go na letshwenyo la bophokoje le dibatana tse dingwe ka go kgakala le motse thata.
A re o tsere tshwetso ya go ruela kwa ntle ga motse ka go sale go kopilwe barui gore ba seka ba ruela mo gare ga motse, ka jalo o ne a sa batle go itlhokomolosa molao oo.
O galaletsa lenaneo le ka a re le mo dirile molemi-morui wa popota ka a filwe dithuto tse di mosola jaaka go kenta leruo la gagwe, le tse dingwe tse di dirang gore a fe dipodi tsa gagwe tlhokomelo e e maleba.
Ka jalo a re o ititeile sehuba go dira sengwe le sengwe se se maleba go di fa tlhokomelo gore di tle di ate sentle.
O tlhalositse gore o rutilwe dithuto tsa go tsamaisa kgwebo gore a nne le sebaka sa go itse gore o rekisitse podi e fe ya selekanyo se fe.
A re gape o ne a sa itse mosola wa go baya mekwalo ya kgwebo, mme mo nakong ya gompieno o itse gore seo ke bosupi jwa gore a kgwebo e tsweletse sentle e dira dipoelo kana ditatlhegelo.
Le fa go ntse jalo, a re ba kopana le dikgwetlho di tshwana tlhaelo ya melemo, ka jalo dipodi tse dingwe di a swa.
O ne a tlatsa ka go re o setse a kile a latlegelwa ke tse dingwe ka ntata ya bolwetse a ne a tlhokile melemo.
A re kgwetlho e nngwe ke gore go na le magodu a dihutshane mo motseng, mme seo a re se ba busetsa kwa morago e le barui.
O lebogetse ba ofisi ya nyeletso lehuma ya kgaolo-potlana ya Moshupa ka e dirisana le bone sentle e bile e tsweletse sentle ka go ba fa melemo ya leruo ga mmogo le go ba fa dithotloetso, ka jalo seo se mo tiisa moko gore a seka a latlhelela dihutshane tsa gagwe.
Ga a wetsa o rotloeditse Batswana go tsaya mananeo segolo jang a leruo ka a le bogadi bogaufi e bile a re dipoelo tsa teng di a bonala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : MOGONYE
Event : Potsolotso
Date : 08 Jul 2018



