Breaking News

Batswana ba akola ditirelo tsa NFTRC

08 Jul 2018

Dialogane di supa go tswa mo mafelong a a farologanyeng a lefatshe leno a alogile mme a rotloediwa go dirisa botsipa jo ba bo amuleng mo dithutong go tlhabolola matshelo a bone.

E rile a abela dialogane ditlankana mo boemo jwa moeteledipele wa NFTRC bosheng, Mme Galase morago ga dithuto tsa  malatsi a matlhano tsa go dira di-tswa mashing a supa fa a lemogile fa Batswana ba tsenelela dithuto tsa NFTRC ka dipalo tse di nametsang sebe sa phiri e le gore ga ba dirise maele a ba a ithutileng go fetola matshelo a bone.

O gakolotse dialogane gore ba seka ba nna le tumelo ya gore dijo tse di mo mmarakeng ke tse di tswang kwa ntle ga lefatshe leno fela, ka  jalo le bone ba dire ka natla go bona gore dijo tsa bone di tsena mo mmarakeng e bile di na le boleng jo bo eletsegang.

A re ba NFTRC ba eletsa go bona dikgwebo tsa Batswana di gola, jalo a rotloetsa ba ba neng ba aloga go ya go godisa dikgwebo tsa bone kana ba di simolola e le ntlha nngwe ya go  thusa go kabakanya itsholelo ya lefatshe.

A re dithuto tse ba neng ba di rutwa di tshwanetse tsa aga mo dipelong tsa bone, jaaka botlhokwa jwa bophepa fa ba tshwere dijo kwa madirelong mme a ba kopa go arogana botsipa jo ba bo tsereng kwa NFRTC le ba bangwe.

A re kgolo ya dikgwebo e ka fetola itsholelo ya Botswana le go tlhamela ba bangwe mebereko, ka jalo a supa fa lekalana le le tlhabololang dijo ba itumela fa ba bona Batswana ba tsweletse ka go tsenelela dithuto ka gore se se kaya gore NFRTC e a gola.

Mongwe wa dialogane, Rre William Modise o lebogetse dithuto tse ba neng ba di tsene, ka di tlaa ba solegela molemo ka gore ba ntse ba dira dilo fela ba sa lemoge tsa botlhokwa tse di tshwanetsweng go dirwa.

A re keletso ya bone e le dialogane ke gore go okediwe nako ya tiro ya diatla le gore malatsi a dithuto a okediwe a bo a kopa lekalana la NFTRC go leka thata go ipapatsa gore dithuto tsa bone di goroge kwa setshabeng.

Mo potsolotsong, mongwe wa dialogane, Rre Modisa Taukobong o kaile fa a le mo kgwebong ya mashi kwa Ghanzi mme a ntse a tsamaisa kgwebo ya gagwe fela mo lefifing jaanong o fatlhogile.

O ne a tlhalosa fa a ntse a dira ditshenyegelo ka gore tse dingwe tse di tswang mo mashing jaaka tlhowa le lobebe o ntse a di latlha mo a ka bong a di diristse go dira sengwe, ka jalo botsipa jo a bo amuleng o ya go bo dirisa go godisa kgwebo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Galaletsang Letshoo

Location : KANYE

Event : Kaloso Baithuti

Date : 08 Jul 2018