Sekole sa Tshegetsang se kopa tlhotloetso
08 Jul 2018
E ne ya re bosheng, sekole se segolwane sa Tshegetsang kwa Molepolole sa rulaganya motshameko wa go supa tsamaiso ya lekgotla la ditsheko e le nngwe ya maiteko a go kokoanya madi a go ipelela dingwaga tse di masome matlhano sekole se nste se dira.
Ka one motshameko o, sekole se ne sa kokoanya madi a a ka tshwarang P3 000.
Mogokgo Banabotlhe Matsime o ne a ikuela mo go botlhe go ba tshologa mokgosi ka dithuso tsa go ipaakanyetsa moletlo o, o o tlaa tshwarwang Lwetse a supa.
A re mokwalo o supa fa ka dingwaga tsa bo1968 sekole sa Tshegetsang e ne e le sone fela se segolwane mo Molepolole, ka jalo go le maleba go ipelela ditso tsa sone.
Ka fa motshameko o o neng o rulagantswe ka teng, go ne go na le mongongoregi yo e leng sekole le mmelaelwa yo e leng molalediwa. Mmelaelwa o ne a atlholwa P50 go ya kwa go P200 go ya ka molato o a o lebisitsweng.
Go rulaganngwa ga motshameko o, go ne go na le thuto gape mo baithuting go ba supegetsa ka fa lekgotla la ditsheko le dirang ka teng, go lebilwe dithuto tsa Social Studies le Moral Education.
Mme Matsime o kaile fa ba dule ka mogopolo wa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano ngogola.
A re ba ne ba rerisanya le batsadi ka keletso ya go ipela monongwaga, ntswa mo dinakong dingwe maduo a sekole a sa nametse.
A re se se botlhokwa ke gore mo dingwageng tse di masome matlhano sekole se se kgonne go alosa bontsi jwa barutegi ba dithuto tse di kwa godimo fa bangwe ba na le seabe mo go ageng setshaba.
O ne a supa fa mo dinakong tse di fitileng sekole e ne e le sa morafe mme ka maikemisetso a boipelego jwa batsadi go le botlhokwa gore ba nne le nako ya go ipela.
O kaile fa ba thubile lebelo go kokoanya madi a a ka ba thusang gore moletlo o atlege.
Dingwe tse ba di rulagantseng ke go dira mmabontle le mogwanto.
Fa a bua ka maduo a sekole, mothusa mogokgo Mme Goabaone Ketlhaetse, o ne a supa fa ka 2016 sekole se dirile 39.4 per cent mme ka 2017 ba dira 34.4 per cent e le maduo a mophato wa boraro go supa fa ba wetse tlase ka botlhano mo lekgolong.
A re sebe sa phiri ke gore go santse go na le baithuti bangwe ba ba sa tlhoafaleleng thuto ya bone.
O kaile fa botlhoka tsebe bo tshwana le go lwantshana ga baithuti bo kgoreletsa dithuto mme a tlatsa ka go kgothatsa batsadi go ititaya ka thupana go nna le seabe se se bonalang mo thutong ya bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Jacob Obotseng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kokoanyo ya Madi
Date : 08 Jul 2018



