Breaking News

Lorato mo kgwebong konokono

08 Jul 2018

Go nna le lorato lwa se o se dirang le bopelotelele go na le maduo mo go goleng ga kgwebo.

Se se kailwe ke  Mme Kefentse Tshwenyane yo e leng ene mong wa Kefentse Leather Works, a itebangantse le go dira ditlhako tsa sekole, diphate tse di alwang kana tse di kgabisang, dikgwama  tsa letlalo ga mmogo le kapari ka go farologana ya letlalo.

O tlhalositse fa lorato lwa gagwe lwa go roka dilwana lo sale lo simolotse ka 1996, mme e bile ka one ngwaga oo, a nna lesego la go ya dithutong tsa go roka kwa sekoleng sa tiro ya diatla kwa Kanye.

Mme Tshwenyane a re ka 2009  o ne a latswiwa ke tlhware gape a isiwa sekoleng ngwaga kwa madirelong a tiro ya diatla a LEA Incubator kwa Gaborone kwa a tlhalositseng fa a ne a ithuta go suga le go roka dilwana tsa matlalo.

A re e re ntswa a simolotse a ithuta go roka ka matsela, mo nakong eno lorato lwa gagwe lo sekametse kwa go segeng dilwana tsa letlalo mo e a reng a bona sekgethe sa letlalo a bo a setse a akanya gore o ka le dirisa eng.

A re letlalo le pharologanyo le letsela ka letsela lone motho a ka kgona go le latlha fa a sa tlhole a batla go le dirisa mme letlalo lone a ka dirisa sekgethe sengwe le sengwe ka go se bonolo go bona matlalo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase.

O kaile gape fa go roka letlalo go na le dipoelo tse di nametsang ka selwana se kgona go rekwa ka madi a a bonalang.

Mme Tshwenyane a re o rekisetsa dithoto tsa gagwe mo lwapeng mo nakong eno, a tlatsa ka go re theko e bonala thata fa a rekisetsa batho ba mediro jaaka manyalo kgotsa a segela setlhopha sa mmino wa borankana paka.

O ne a tlhalosa fa a atle a tsenelele dikgaisanyo tse di rulaganngwang ke ba lefelo la matlotlo a tlholego la Kgosi Sechele I mme a nne le sebaka sa go ithuta ga mmogo le go kopana le bareki.

A re dithuto-puisanyo tse di rulaganngwang ke mokgatlho wa  Botswana Society for the Arts le tsone di mmutse matlho mo a kgonneng go anywa botsipa jwa gore polokelo ya gagwe ya banka le ya kgwebo di tshwanetse tsa farologana go itsa go itirisetsa madi a kgwebo.

Mme Tshwenyane o kaile fa  dikgwetlho di tshwana le letlhoko la marekisetso a dilwana tsa gagwe le go nna turu ga didirisiwa tsa kgwebo ya gagwe e le dingwe tse di mo tshwenyang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : MMOPANE

Event : Potsolotso

Date : 08 Jul 2018