Breaking News

Theko ya sengaparile e a ngongora

05 Jul 2018

Banni ba Lorolwane mo kgaolong ya Borwa ba ’bete se molangwana ka theko ya sengaparile mo kgaolong ya bone ba bolela fa e le kwa tlase.

Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke lephata la dikgwa le tshomarelo di-tsa tlholego ka Laboraro.

Banni ba boletse fa go epiwa ga sengaparile go le thata e bile go le diphatsa ka gore gantsi fa ba epa ba rakana le dinoga tse di tona.

E ne e rile go le pele mogolwane wa khamphani ya Matebeleng e e rekang sengaparile go simologa ngogola ya bolela fa e okeditse madi go reka, mosobana wa 1kg go tswa mo go P22 go ya kwa go P24, ke gore go okeditswe ka P2.

Banni ba akantse gore segolo go okediwe ka P50 ka gore teseletso ya go rekisa ba e reka ka P50.

Fa a ba araba, mogolwane wa khamphani eo ya Matebeleng Rre Shaka Mochine o ba boleletse fa go rekisa yo o batlang e bile ba turelwa thata thata fa ba baakanya sengaparile gore se bone mmaraka kwa mafatsheng a a tsididi.

O ba tlhaloseditse ka go epa sengaparile mo go babalesegileng.

Rre Mochine a re ba tshwanetse go epa ka keletlhoko ba sa se kgaole sotlhe ka gore go tshwanetse gore go nne o o melang ngwaga le ngwaga.

O rile ba kgaole medi e e ka fa tlhoko, ba tlogele modi o motona oo yang kwa tlase.

O gakolotse gore ba o anege mo meriting oo letsatsa eseng mogote o motona thata e bile ba o segelele bosesane ba o anege fa go phepa gore o nne le tlhwatlhwa e e botoka.

Mariga ke yone nako ya go epa le go bapala sengaparile.

La fa go ntse jalo mo phuthegong eo mogolwane go tswa mo lephateng la dikgwa le tshomarelo di-tsa tlholego Mme Veronica Dikoko o kgothaditse banni go somarela di-tsa tlholego tse di bonwang mo tikologong ya bone gore di seka tsa nyelela.

Mme Dikoko o tlhalositse fa dingwe tsa di-tsa tlholego di tseelwa teseletso fa motho a bapalela go rekisa le go bapala mo go fetisang selekanyo, mme fa o bapala mo go lekanyeng mo lwapeng ke mahala.

A re go rekisa phane kwa ntle ga Botswana go tsewa teseletso ya P500.

O boletse fa go na le melawana e e laolang dimela tse dingwe jaaka maungo gore banni ba seka ba di nyeletsa.

O nankotse maungo, bojang, dikgong le mapako a re ga di a tshwanela go tsewa ke motho a le mongwe ka bokete ka gore ke tsa morafe otlhe ka tekatekanyo. A bolela gore fa motho a fetisa tekanyo e e beilwe a tswanetse go tsaya teseletso ko go bone.

A re kwa ntle ga go dira jalo motho a le mongwe o gogoba dilo a le nosi kwa ntle ga teseletso a otlhwaiwa P1 000 kgotsa ngwaga mo kgolegelong kana gotlhe.

O boletse fa nako ya mariga e se ya go kgetla bojang le dimela dingwe ka gore di abo di santse di ntsha peo gore pula fa e na di bo di mela gape.

Mme Dikoko a re melao e dirwa kwa palamenteng, bone ke barongwa fela go netefatsa gore melao e salwa morago.

Fa a bua ka molelo wa naga, a re ke boikarabelo jwa morafe otlhe gore fa go tlhagile molelo wa naga, batho ba tle ka makatlanamane gore ba o time gore o seka wa ba senyetsa di-tsa tlholego le leruo ga mmogo le di-tsa bone jaaka matlo.

O bolela fa puso sa yone e le go thusa ka dijo le dipalamo kwa molelo o hisang teng.

 O boletse fa lephata le sena madi ape a go hira batho go itimela molelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : LOROLWANE

Event : Phuthega ya Kgotla

Date : 05 Jul 2018