Breaking News

VDC ya Mogonye e a ipelega

05 Jul 2018

Komiti ya ditlhabololo ya Mogonye mo kgaolong ya Borwa ke nngwe ya tse di gatetseng pele ka go ikgobokanyetsa madi ka methale e e farologanyeng go leka go tlhabolola motse.

E re ntswa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e mengwe di lebaganwe ke letlhoko la madi go itirela ditlhabololo, VDC ya Mogonye yone e inaakantse le puo e e ereng mokoduwe go tsosiwa o o itekang. 

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, modulasetilo wa komiti eo Mme Banka Gwai a re morago ga go lemoga fa ba lebanwe ke letlhoko la madi, ba ne ba itlama gore e le komiti ba tlaa koleka bontlha bongwe jwa madi a  ba a amogelang gore ba dire ditlhabololo dingwe mo motseng. 

A re ntswa ba na le madi mo letloleng la VDC, ba itlamile gore ba seka ba nama ba a dirisitse go tlatsa madi a bone a koleke.

Ka jalo a re ba ne ba dumalana gore ba koleke P50 nako tsotlhe fa ba lemoga gore go na le letlhoko lengwe mo motseng.

A re moono wa bone ba o simolotse ngogola mme le mo nakong ya gompieno ba tsweletse ka one.

Mme Gwai a re madi a ba setseng ba a kgobokantse ba ne ba rekela kokelwana ya motse oo ditilo di le lesome.

A re ba ne ba lemogile gore ditilo kwa kokelwaneng eo di a tlhaela mme ba fokotsa tlhaelo eo ka go reka ditilo tsa tlaleletso. 

A re mo nakong ya gompieno ba na le keletso ya go leka go tlhabolola lebala la metshameko.

Ka jalo a re madi a ba a kgobokantseng ga a ise a lekane go ka dira maikaelelo a bone.

Mme Gwai a re ba lemogile gore ditlhabololo tsa lebala la metshameko di saletse kwa morago.

A re lebala leo le na le dingwaga le beilwe semmuso mme go sena ditlhabololo dipe tse di dirilweng kwa go lone.

O tlhalosa gore mo nakong e e fetileng banana ba motse oo ba ne ba dirisa lebala la sekole  se sebotlana sa Mogonye mme mo nakong ya gompieno go sa letlelelwe gore ba ka dirisa lebala leo.

A re mo nakong ya gompieno ba khansele-potlana ya Moshupa ba ba thusitse ka go rema sekgwa se se neng se le kwa lebaleng leo.

Ka jalo a re e le komiti ba tsweletse ka go dira maano a madi a go leka go teratelela lefelo leo.

A re mo nakong ya gompieno ba tsweletse ka ditiro tse di farologanyeng go leka go kgobokanya madi a a tlaa tlhabololang lebala leo.

A re e le maloko a komiti eo ba setse ba kolekile madi a dimpho tsa rafole e ba tlaa e dirang mo bogautshwaneng.

A re gape ka letsatsi la rafole eo ba tlaa rekisa dijo go leka go oketsa madi ao, mme madi otlhe a a tlaa bong a kgobokantswe a tlaa kopanngwa le a a ntseng a le teng go ya go reka didirisiwa tsa terata ya lebala.

Le fa go ntse jalo, Mme Gwai a re tiro ya go tlhabolola lebala ke tiro e tona, ka jalo o kopile morafe go ba tswa thuso.

A re botlhe ba ba eletsang go ba tswa thuso ba ikopanye le bone mme ba ka thusa ka fa ba ka kgonang ka teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : MOGONYE

Event : Potsolotso

Date : 05 Jul 2018