Kgosi Motoane ga a robadiwe ke diletso
05 Jul 2018
Kgosi Lekang Motowane wa Sesung kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng o supile ngongorego mabapi le modumo wa diletso tse a reng di atile mo motseng wa gagwe.
Kgosi Motowane o ntshitse matshwenyego a gagwe mo potsolotsong le BOPA, a tlhalosa fa gangwe le gape modumo o o kwa godimo wa diletso mo marekisetsong le mo malwapeng go ya ka ene o rotloetsa botlhoka tsebe.
A re pele bangwe banni ba ne ba leletsa diletso kwa godimo le mo gare ga beke tota, selo se a reng se ne se kgoreletsa bana ba sekole go bala.
A re fa e sale a tsaya setilo sa bogosi ka 2016, o ne a leka thata go lwantsha dikgang tsa go nna jalo.
A re o dumela fa seo se ne sa tsisa diphetogo mo motseng, mo le maduo a bana ba sekole a neng a tokafala ka 2017.
O supile fa dikgang tse dingwe tse di tshwenyang e le go apewa ga majalwa mangwe a a sa letlelelweng, a barekisi ba one ba a apeelang mo sephiring.
O tlhalosa fa monongwaga go ntse le ditiragalo di le tharo tsa dipolao tsa marato mo Sesung, a kaya fa ba leka mo diphuthegong tsa kgotla go tsibosa batho gore fa ba na le tlhoka kutlwisisanyo ba bone kgosi, mapodisi kana ba boipelego go ba thusa go rarabolola dikgang tsa bone.
O ne a supa fa diemo tse di ngomolang pelo tseo di felela di tlogela bana e le masiela ba tlhoka yo o ba tlhokomelang.
Kgosi Motowane o ne gape a kopa batsadi go kgalemela bana, a re bomalome le borangwane ba nne karolo mo go kgalemeng fa bana ba tlhoka tsebe, mme fa go pala ba fetisetse dikgang kwa go ba ba maleba.
O supile fa ba ikaelela go kopana le baruti ba dikereke mo motseng gore ba leke go gogela batho kwa kerekeng, ba ba rute ka lefoko la Modimo ga mmogo le go itshwarelana.
O ne a supa gape fa dititeo le go tlhabana ka dithipa go ne go atile thata mo bananeng, ga mmogo le bogodu jwa go thujwa ga matlo le marekisetso.
A re mapodisi ba ne ba dira ka thata go lwantsha botlhoka tsebe jo mo dipalo di neng tsa fokotsega.
Kgosi Motowane o ne a supa fa motse wa gagwe o gola mme ditlhabololo tsa one di santse di saletse kwa morago.
O kaile fa go na le tlhaelo ya matlo a boroko a badirelapuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Jacob Obotseng
Location : SESUNG
Event : Potsolotso
Date : 05 Jul 2018



